Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yobe 14 - Setswana 1970

1 “Motho, ngwana wa mosadi, ke wa malatsi a se kae o kgora matshwenyego.

2 O tlhoga jaaka sethunya, a ba a swaba; o tshaba jaaka moriti, ga a na tlhomamo.

3 Mme le fa e le yo o ntseng jalo o mmudulogetse matlho; o nkisa tshekong fa pele ga gago.

4 Ao! Go ka bo go tswa yo o phepa mo go ba ba sa itshekang! Mme ga a yo, le e seng a le mongwe.

5 E re ka malatsi a gagwe a beilwe, ka o badile dikgwedi tsa gagwe, ka o dirile melelwane e a sa ka keng a e tlola,

6 faposa matlho mo go ene gore a ikhutse go fitlhelela a thabele letsatsi la gagwe jaaka yo o direlang tuelo ya letsatsi.

7 Gonne setlhare se na le tsholofelo; le fa se ka rengwa, se tla tlhoga gape; matlhogela a sona ga a tlhokafale.

8 Le fa modi wa sona o onala mo lefatsheng, le fa kutu ya sona e swela mo leroleng,

9 fa se utlwa monko wa metsi se tla tlhoga gape, se ntsha dikala jaaka se se tlhomilweng.

10 Mme fa monna a swa, o feleletse; fa motho a tlhokafetse, o ka tlhola a nna kae?

11 Metsi a fela mo letsheng; noka e a tšha e kgale:

12 Motho o robala jalo, a se ke a tlhole a tsoga; ga ba thanye, ga ba tsosiwe mo borokong jwa bone go fitlhelela legodimo le khutle go nna teng.

13 Ao! Ga o mpolokeleng mo felong ga baswi wa mphitlha teng go fitlhelela bogale jwa gago bo time; e kete o ka mpeela sebaka se o tla nkgopolang ka sona.

14 Fa monna yo o swang a ne a ka phela gape, foo nka bo ke itshoka ka malatsi otlhe a kampano ya me go tsamaya kgololo ya me e be e tle!

15 O ne o tla mpitsa, mme ke go arabe; o ka bo o tlhologelelwa sebopiwa sa seatla sa gago.

16 Foo o ne o tla bala dikgato tsa me, mme o se ke o tlhokomele sebe sa me.

17 Boleo jwa me bo ka bo bo tswaletswe kgetsaneng; molato wa me o ka bo o o bipile.

18 Mme thaba le yona, fa e wa, e a phatlakanngwa; le lentswe le ka suta mo felong ga lone.

19 Metsi a gotlha mafika, merwalela ya ona a gogola mmu wa lefatshe: Le tsholofelo ya motho o a e nyeletsa jalo.

20 O mo gatelela ka bosakhutleng, mme o a nyelela; o fetola sefatlhego sa gagwe, o mo naya tsela.

21 Fa bana ba gagwe ba tlotlega, ene ga a itse; fa e le ba ba nyatsegang, ga a ba tlhokomele.

22 Mmele wa gagwe o utlwa botlhoko fela, fa o sa ntse o phela; mowa wa gagwe o hutsafala fela o sa ntse o le mo nameng.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan