Yobe 13 - Setswana 19701 “Ruri, tsotlhe tseo matlho a me a di bonye, ditsebe tsa me tsa di utlwa, tsa di tlhaloganya. 2 Le nna ke di itse jaaka lona, mme ga lo mphale. 3 Mme nna ke rata go bua le Mong-wa-thata-yotlhe; ke eletsa go sekisanya le Modimo. 4 Lona lo babipi ba maaka, lotlhe lo dingaka tse e seng tsona. 5 Ao! Fa lo ka bo lo didimala, lo ka bo lo kaiwa batlhalefi. 6 Utlwang tlhe boikarabelo jwa me, lo tlhokomele go itwela ga molomo wa me. 7 A lo a re, lo direla Modimo ka go bua tse di sokameng? A lo o emela ka go bua tsa tsietso? 8 Gongwe a lo goga le ona? Kampo a lo a re, lo lwela Modimo? 9 A lo tla tswa sentle, fa o lo sekisa? A lo a re, lo ka o tsietsa jaaka go tsiediwa motho? 10 Nnyaya! O tla lo otla ruri, fa lo gobelelela mongwe mo sephiring. 11 Bogolo jwa ona a ga bo kitla bo lo wela? Poitshego ya ona a ga e kitla e lo tshosa? 12 Tse lo di nkgakololang ke diane tsa molora; mabaka a lona ke mabaka a letsopa fela. 13 Didimalang, lo nte ke bue, le fa ke dirafalelwa ke eng! 14 Ke leka go ipoloka ka go itsenya mo kotsing. 15 Bonang, o ka mpolaya, ga ke na tsholofelo; fela ditsela tsa me ke tla di ikarabela fa pele ga ona. 16 Le gona moo e tla nna pholoso ya me; gonne molotsana ga a tle fa pele ga ona. 17 Utlwang mafoko a me sentle, a tlhaloso ya me e lo tsene ditsebeng! 18 Bonang tlhe, ke rulagantse mafoko a tsheko; ke a itse, fa ke tla tswa ke se na molato. 19 Ke mang yo o ka mponang molato? Gonne fa a ka nna teng, ke tla didimala, ke swa. 20 Fela dilo di le pedi se di ntirele; foo ga nkitla ke iphitlha fa pele ga gago: 21 Ka re: A seatla sa gago se se ka sa nkimela! A theregiso ya gago e se ka ya ntshosa! 22 Ke gona o ka ntshekisang, ke tla araba; gongwe ke tla bua, mme o mphetole! 23 Ke na le ditshiamololo le dibe di le kae? Nkitsise tlolo ya me le boleo jwa me! 24 O fitlhelang sefatlhego sa gago? O nkaya mmaba wa gago ka lebaka la eng? 25 A o a re, o tshosa letlhare le le fokwang ke phefo? A o latelela dirite tse di omeletseng? 26 Mo o mpolaisang tse di galakang, o nthwesa dibe tsa bokau jwa me; 27 mo dinao tsa me o di bofelelang mo koteng, o tlhola tsela tsotlhe tsa me; mo o nthalelang mothalo mo tikologong ya pato tsa dinao tsa me 28 ke le yo o nyelelang jaaka tse di bodileng le jaaka seaparo se se jewang ke motoutwana. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa