Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yobe 12 - Setswana 1970


Jobe o a araba

1 Jobe a fetola a re:

2 “Ee ruri, batho ke lona; botlhale bo tla swa le lona.

3 Le nna ke na le tlhaloganyo jaaka lona; ga lo mphale. Ke mang yo o sa itseng tse di ntseng jalo?

4 Ke fetogile yo o sotlwang ke mongwe-ka-ene, ke le yo o rapetseng Modimo, wa ba wa nkutlwa; go sotlega mosiami yo o se nang molato.

5 Yo o phelang monate a re: Nyatso e tshwanela ba ba mo tatlhegong; ba dinao tse di relelang a ba kgopisiwe!

6 Kagiso e mo malapeng a ba ba gatelelang. Ba ba gakatsang Modimo ba thagame ba re: Modimo re a o laola.

7 Mme a ko o botse diphologolo gore di go rute, le dinonyane tsa loapi gore di go itsise.

8 Gongwe bua le lefatshe gore le go rute, a ditlhapi tsa lewatle di go bolelele!

9 Ke mang yo o sa lemogeng ka tsotlhe tse, fa seatla sa Morena se di dirile?

10 Kana bophelo jwa tse di phelang tsotlhe le mewa ya mebele ya batho botlhe di mo seatleng sa gagwe.

11 A ga se tshwanelo ya tsebe go tlhatlhoba mafoko jaaka magalapa a utlwa dijo?

12 Ga twe: Botlhale bo mo go ba ba tlhogo-di-pududu. Bontsi jwa malatsi bo tlisa tlhaloganyo.

13 Nnyaya! Botlhale le bonatla di mo go ona; ke ona o o nang le maano le temogo.

14 Ruri, ona o a rutla, mme ga go yo o ka tsosang; o tswalela motho, go se yo o ka mmulelang.

15 Bonang, fa o thibela pula, metsi a a tšha; mme fa o ka e nesa, a gogola naga.

16 O na le thata le temogo. Motimedi ke wa ona fela jaaka motimetsi.

17 Banna ba lekgotla o ba isa botshwarong ka dinao di sa rwala; o silofatsa baatlhodi.

18 O bofolola dikgole tse dikgosi di bofang ka tsona; o di golega matheka ka kgole.

19 Baperesiti o ba isa botshwarong ka dinao di sa rwala; o diga ditshika tsa kgale.

20 Ba ba ikanyegang o ba tima puo; o amoga banna bagolo temogo.

21 O goromeletsa nyatsego mo batlotleging; o repisa meitlamo ya ba ba thata.

22 Madiba a lefifi o a a senola; lefifi le lentsho o le ntshetsa leseding.

23 O godisa ditšhaba, le gona o a di nyeletsa; o anamisa ditšhaba, o bo o di tlose.

24 O amoga ditlhogo tsa batho ba lefatshe tlhaloganyo; o ba kgarakgatsha sekakeng mo go se nang tsela.

25 Ba apaapa mo fifing fa go seng lesedi; o ba theekedisa jaaka matagwa.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan