Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yobe 11 - Setswana 1970


Go bua Sofare

1 Ga fetola Sofare wa Naama a re:

2 “A bontsi jwa mafoko bo na le go tlhoka karabo? Gongwe a mmalabadi o mo nneteng?

3 A maithamako a gago a ka didimatsa banna? A o ka sotla go se yo o go tlhabisang ditlhong?

4 Kana o rile: ‘Thuto ya me ke e e phepa. Ke itshekile mo matlhong a gago!’

5 E kete Modimo o ka bo o bua, wa bo o bula molomo, o go bolelela;

6 o ka bo o go itsise diphiri tsa botlhale, fa bo gaisa kitso gabedi. Foo o ka bo o itse gore Modimo o itebatsa molato mongwe wa gago.

7 A o ka itse tse Modimo o di itseng? A o ka bona kitso e e tletseng ya Mong-wa-thata-yotlhe?

8 E kwa godimo mo legodimong, ò ka kgona eng? E kwa tlase mo felong ga baswi, wena o itseng?

9 Seelo sa yona se seleele bogolo go lefatshe, se atlhame bogolo go lewatle.

10 Fa ona o tlhaga o go tshwara, o go biletsa kwa tshekong, yo o ka o thibelang ke mang?

11 Gonne balotsana ona o a ba itse; bokgopo o a bo bona, le fa e kete ga o bo tlhokomele.

12 A le seeleele se ka tlhalefa? A eselana ya nageng e ka fetoga motho?

13 Fa wena o baakanya pelo ya gago, fa o o tsholeletsa diatla,

14 fa diatla tsa gago di na le bokgopo, bo tlose! A tshiamololo e se nne mo lapeng la ga eno!

15 Ee, foo sefatlhego sa gago o tla se tsholetsa o se na molato; o tla bo o tlhomame o sa boife sepe.

16 Ee, foo o tla lebala tapisego; fa o e gopola e tla tshwana le metsi a a fetileng.

17 O tla selwa ke bophelo go phala lesedi la motshegare. Fa go fifala, go tla tshwana fela le fa bo sa.

18 O tla gomotsega, gonne o na le tse o di solofelang; le fa o ka gadima, gongwe wa okomela, o tla robala o le mo tshireletsong.

19 O tla lala go se yo o go tshosang. Ba bantsi ba tla eletsa go go kgatlha.

20 Mme matlho a baikepi a tla swaba. Botshabelo bo ba senyegetse. Se se ba saletseng ke go ntsha mowa wa bofelo.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan