Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yobe 10 - Setswana 1970

1 “Bophelo jwa me bo a ntena. Ke tla ntsha selelo sa me. Ke tla bua ke le botlhokong jo bo galakang,

2 ke raya Modimo ke re: Se nkatlhole wa re, ke moikepi; nkitsise se se go losang le nna.

3 A go molemo mo go wena, fa o dira tsa kgatelelo, fa o latlha yo diatla tsa gago di mo dirileng, fa o kgatlhwa ke maano a baikepi?

4 A matlho a gago ke a nama? Gongwe a o bona jaaka motho a bona?

5 A malatsi a gago a tshwana le malatsi a motho? Gongwe a dinyaga tsa gago di tshwana le malatsi a monna?

6 Ke go reng, fa o batla molato mo go nna, fa o latelela sebe sa me?

7 Etswe o ntse o itse, fa ke se na molato, e bile go se na ope yo o ka pholosang mo diatleng tsa gago.

8 Diatla tsa gago di mpopile, di ntirile ka botswerere gotlhe! A o batla go nnyeletsa?

9 A ko o gopole gore o mpopile jaaka letsopa! Jaanong a o mpusetsa loroleng?

10 A ga o a ntshela jaaka mašwi, wa nthemisa jaaka madila a a loileng?

11 Wa nkapesa letlalo le nama, wa ntshwaraganya ka marapo le mesifa.

12 O mphile bophelo, wa nthata, wa mpolokela mowa ka go mpabalela.

13 Mme tse o neng o di fitlhile mo pelong ya gago – jaanong ke itse boikaelelo jwa gago – ke tse:

14 Fa nka leofa, o tla nkela tlhoko; ga o kitla o nkgolola molatong.

15 Fa nka ikepa, a tatlhego ya me wee! Le fa ke le yo o siameng, ga ke na go tsholetsa tlhogo ka ntlha ya go kgora tsa ditlhong le go bona pogisego ya me.

16 Fa tlhogo e ka bo e itsosa, o ka bo o ntsoma jaaka tau, o ntse o ntemosa thata ya gago e e gakgamatsang.

17 O ka bo o ntebaganya le basupi ba bašwa, o godisa go nkgalefela ga gago, o ntse o ntlhasela ka mephato e mešwa.

18 O nntsheditseng mo mmeleng wa ga mme? E kete nka bo ke sule ke ise ke bonwe ke leitlho la motho.

19 Foo nka bo ke tshwana le yo o iseng a nne teng; nka bo ke isitswe kwa lebitleng fela ka nako e ke duleng mo popelong ka yona.

20 Malatsi a me a ga a mannye? A Modimo o khutle, a o ntese, ke tle ke phuthologe go le gonnye!

21 Ke ise ke ye kwa fatsheng la lefifi la moriti wa loso, kwa ke sa tlholeng ke ka boa teng

22 kwa lefatsheng le lentsho la lefifi la moriti wa loso le le se nang thulaganyo; kwa bosigogare bo bidiwang lesedi.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan