Yesaye 9 - Setswana 1970Botsalo jwa ga Keresete le maina a gagwe le puso ya gagwe 1 Mme lefifi ga le nke le nnela ruri, fa tlalelo e leng teng jaanong. Mo metlheng ya pele o dirile lefatshe la Sebulone le lefatshe la Nafetale le le nyatsegang, mme mo metlheng e e tlang o tla tlotla tsela e e yang kwa lewatleng le boseja jwa Joretane le Galelea wa ditšhaba. 2 Batho ba ba sepelang mo fifing ba bonye lesedi le legolo; ba ba agileng mo lefatsheng la moriti wa loso, lesedi le ba phatsimetse. 3 Ò ntsifaditse meduduetso, ò godisitse boitumelo; ba thabile fa pele ga gago jaaka go itumelelwa thobo; ba duduetsa jaaka fa go abelanwa thopo. 4 Gonne ò robile joko e e neng e ba imela, le thupa e e neng e otla magetla a bone le thobane ya mopatiki wa bone jaaka mo letsatsing la Midiane. 5 Gonne ditlhako tsotlhe tsa batlhabani tse ba tsamayang ka tsona di tlhodia, le dikobo tse di bidikantsweng mo mading di tla fisiwa, di jewa ke molelo. 6 Gonne ngwana re mo tsaletswe, morwa re mo neilwe, mme puso e tla nna mo legetleng la gagwe, mme o tla bidiwa “Mogakolodi yo o gakgamatsang, Modimo o o thata, Rara yo o sa khutleng, Kgosi ya kagiso;” 7 gore a godise puso, mme kagiso e se ka ya fela mo sedulong sa bogosi sa ga Dafita le mo bogosing jwa gagwe, gore a bo tlhomamise le go bo tshegetsa ka tshiamo le ka tshiamiso go tloga jaanong go ya bosakhutleng. Tlhoafalo ya Morena wa masomosomo e tla dirafatsa jalo. Letsogo le le otlologileng la Morena 8 Morena o rometse lefoko kwa go Jakobe, la fitlha mo go Iseraele, 9 mme morafe otlhe o tla le itse, e bong Eferaime le baagi ba Samaria, ba ba buang ka pelafalo le ka boikgodiso jwa pelo ba re: 10 “Diekana tse di besitsweng di wele, mme re tla ba re aga ka majwe a a betlilweng; megokare e remilwe, mme re tla tlhoma mesetere mo boemong jwa yona.” 11 Mme Morena o tla nonotsha mephato ya ga Resine gore e ba fenye; o tla tlhotlheletsa baba ba bone. 12 Basiria ba tla tswa kwa botlhabatsatsi, Bafelesita ba tswa kwa bophirimatsatsi, ba ja Iseraele ka magano a a atlhameng. Le fa go ntse jalo, bogale jwa gagwe ga bo a fela; letsogo la gagwe le sa ntse le otlologile. 13 Mme morafe ga o sokologele kwa go yo o ba betsang; Morena wa masomosomo ga ba mmatle. 14 Mme Morena o tla nyeletsa tlhogo le mogatla, kala ya mokolane le motlhatlha mo Iseraeleng ka letsatsi le le lengwe. 15 Banna ba bagolo le batlotlegi ke bone tlhogo; baporofeti le baruti ba maaka ke bone mogatla. 16 Bagogi ba morafe o, ba fetogile batimetsi; bagogwi ba ona ke ba ba latlhegang. 17 Ke gona ka moo Morena a sa itumeleleng makau a bone, a sa utlwele masiela le batlholagadi ba bone botlhoko; gonne botlhe ke baikepi le basenyi fela. Melomo yotlhe e bua bosilo fela. Le fa go ntse jalo, bogale jwa gagwe ga bo a fela; letsogo la gagwe le sa ntse le otlologile. 18 Gonne boikepo bo tuka jaaka molelo o o jang mesu le ditshetlho; bo tshuba dikhu, di be di tlhatloga e le dipinagare tsa musi. 19 Bogale jwa Morena wa masomosomo bo tshubile molelo, morafe e kete o jewa ke molelo; ga go ope yo o rekegelang mongwe-ka-ene. 20 Ba tla natha ntlheng ya le le jang, mme ba ntse ba bolawa ke tlala; ba ja ntlheng ya la molema, mme ba sa kgore. Mongwe le mongwe o tla ja nama ya letsogo la gagwe. 21 Manase o tla ja Eferaime, Eferaime a ja Manase, mme ba babedi bao ba ja Juta mmogo. – Le fa go ntse jalo bogale jwa gagwe ga bo a fela; letsogo la gagwe le sa ntse le otlologile. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa