Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yesaye 64 - Setswana 1970

1 Ao! O ka bo o phantsha legodimo, o fologa gore dithaba di reketle fa pele ga gago!

2 jaaka molelo o tshuma ditlhotlhetso, jaaka molelo o bedisa metsi; e le go itsise baba ba gago leina la gago gore ditšhaba di tetesele fa pele ga gago,

3 motlhang o dirang dilo tse di boitshegang tse re sa di lebelelang. – O ka bo o fologa gore dithaba di reketle fa pele ga gago! –

4 Go tswa bogologolo ga ba ise ba di utlwe! Ga go na tsebe e e utlwileng, ga go na leitlho le le bonyeng modimo o mongwe kwa ntle ga gago, o o direlang ba ba o solofelang.

5 O kgatlhantsha yo o dirang ka tshiamo a thabile, yo o go gopolang mo ditseleng tsa gago. Bona, wena o ne o le bogale, mme ra leofa, ra ineela maleo sebaka. A re tla pholosiwa?

6 Re ne ra nna rotlhe jaaka yo o sa itshekang; ditiro tse di siameng tsotlhe tsa rona tsa nna jaaka diaparo tse di maswe; ra omelela rotlhe jaaka matlhare. Molato wa rona wa re gogola jaaka phefo.

7 Go ne go se na ope yo o go rapelang, le fa e le yo o itsosang gore a itshwarelele mo go wena; gonne o ne o re subetse sefatlhego sa gago, wa re nyeletsa ka molato wa rona.

8 Mme jaanong, Morena, o rraarona, rona re letsopa, wena o Mmopi wa rona; rona rotlhe re tiro ya seatla sa gago.

9 Morena, se nne bogale thata thata, se gopole molato wa rona ka metlha yotlhe! A ko o bone gore re morafe wa gago rotlhe!

10 Metse e e boitshepo ya gago e fetogile marope, Sione a ntshiwa sekaka, Jerusalema a nna senya.

11 Ntlo e e Boitshepo e e galalelang ya rona, e borraetsho ba neng ba go baka mo go yona e fisitswe ka molelo. Dilo tsotlhe tse re neng re di rata thata di fetogile thotobolo fela.

12 Ao! Morena! Fa o bona dilo tseo, a o tla tlhokomologa fela, o didimala, o re bogisa go feta tekanyo?

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan