Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yesaye 61 - Setswana 1970


Mafoko a boitumelo ka ga pholoso e e tlang

1 Mowa wa Morena Modimo o mo go nna, ka gonne Morena o ntloditse, a nthoma go rerela babogisegi mafoko a boitumelo le go alafa ba ba pelo-di-phatlogileng le go itsise batshwarwi kgololo le ba ba golegilweng go bulwa ga kgolegelo,

2 le go bega ngwaga wa bopelotlhomogi wa Morena le letsatsi la pusoloso la Modimo wa rona; e le go gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng,

3 le go naya ba ba hutsafetseng ba Sione mokgabo wa tlhogo boemong jwa molora le lookwane lwa boitumelo boemong jwa diaparo tsa khutsafalo le kopelo ya pako boemong jwa mowa o o kgobegileng marapo. Mme ba tla bidiwa ditlhare tsa metherebinthe tsa pholoso le ditlhomiwa tsa Morena gore a ikgalaletse ka tsona.

4 Mme ba tla aga marope a kgale, ba tsosa matlotla a bogologolo, ba ntšhwafatsa metse e e sentsweng, e leng marope a ditshika tsotlhe.

5 Baeng ba tla ema, ba disa dinku tsa lona; ba ditšhaba e tla nna balemedi ba lona le batlhomi ba meweine ya lona.

6 Mme lona lo tla bidiwa baperesiti ba Morena; ba tla lo bitsa badiredi ba Modimo wa rona. Lo tla ja khumo ya ditšhaba, lo itumisa ka kgalalelo ya tsona.

7 Boemong jwa ditlhong tsa lona lo tla busediwa gabedi. Boemong jwa kgobo ba tla dudueletsa kabelo ya bone. Ee, ba tla rua kabelo tse pedi mo lefatsheng la bone, ba na le boitumelo jo bo sa khutleng.

8 “Gonne nna Morena ke rata tshiamo, ke ila thukhutho ya bopelompe. Ke tla ba naya tuelo ya bone ka boikanyego, ke dira kgolagano e e sa khutleng le bone.

9 Losika lwa bone lo tla itsiwe mo ditšhabeng, le bana ba bone mo gare ga merafe. Botlhe ba ba ba bonang, ba tla lemoga gore bone ke losika lo Morena o lo tshegofaditseng.”

10 Ke itumela ka pelo yotlhe mo Moreneng! A mowa wa me o dudueletse Modimo wa me! Gonne o nkapesitse diaparo tsa pholoso, a nkhurumetsa ka kobo ya tshiamo jaaka monyadi a rwala mokgabo wa tlhogo wa moperesiti, le jaaka monyalwa a ikgabisa ka mekgabiso ya gagwe.

11 Gonne lefatshe le godisa tse di melang mo go lone, tshimo e tlhogisa tse di jwetsweng mo go yona: Morena Modimo o tla tlhogisa tshiamo le tumiso jalo fa pele ga ditšhaba tsotlhe.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan