Yesaye 60 - Setswana 1970Kgalalelo ya Sione e e tlang 1 Tsoga, o sedimogelwe! Gonne lesedi la gago le tsile, mme kgalalelo ya Morena e go tlhabetse. 2 Gonne bonang, lefifi le khurumeditse lefatshe, le bontsho merafe, mme wena Morena o tla go tlhabela jaaka letsatsi; kgalalelo ya gagwe e tla bonala mo go wena. 3 Mme baheitane ba tla phuthegela kwa leseding la gago, le dikgosi kwa phatsimong e e go tlhabetseng. 4 Tsholetsa matlho o lebe tikologong: Ba phuthegile botlhe, ba tla kwa go wena. Bomorwao ba tla tswa kwa kgakala, bomorwadio ba tlisiwa ba ntse mo nokeng. 5 Foo o tla ba bona, o tlala boitumelo; pelo ya gago e tla gakgamala, e tsharologa, fa bontsi jo bo fa lewatleng bo sokologela kwa go wena, fa khumo ya baheitane e tla kwa go wena. 6 Dikammele di tla tlalatlala mo go wena, le dikammelana tsa Midiane le Efa. Bašeba ba tla tla botlhe, ba tlisa gouta le maswalo, ba utlwatsa ditiro tse dikgolo tsa Morena ka boitumelo. 7 Matsomane otlhe a Ketare a tla go phuthegela; diphelehu tsa Nebayothe di go direla; di tla tla mo aletareng ya me, di nkgatlha, mme Ntlo ya me ya thapelo ke tla e galaletsa. 8 Ke bomang ba ba fofelang kwano jaaka leru; jaaka maeba kwa dirobing tsa ona? 9 Ee, ditlhakatlhake di ntebeletse tse di etelelang pele ke mekoro ya Tharesise gore di tlise bomorwao go tswa kgakala; ba di tlisetsa leina la Morena, Modimo wa gago, Moitshepi wa Iseraele, gonne o a go galaletsa. 10 “Baeng ba tla aga dipota tsa gago, dikgosi tsa bone di go direla; gonne ke go beditse ke le bogale, ka go utlwela botlhoko ke le pelonomi. 11 Dikgoro tsa gago di tla bo di bulegile ka gale, di sa tswalwe bosigo le motshegare, gore ba go tlisetse mahumo a ditšhaba, di eteletswe pele ke dikgosi tsa tsona. 12 Gonne setšhaba le bogosi, tse di ganang go go direla, di tla latlhega. Mafatshe a tsona a tla fetoga sekaka. 13 “Kgalalelo ya Lebanone e tla tla kwa go wena, e leng ditlhare tsa mesiperese le palatane le paina, gore di kgabise Felo ga Boitshepo ga me, gore ke tlotle felo ga dinao tsa me. 14 Bomorwa bagateledi ba gago ba tla tla, ba go ikobela; botlhe ba ba go kgobileng ba tla go khubamela fa patong tsa dinao tsa gago, ba go bitsa ‘Motse wa Morena’ le ‘Sione wa Moitshepi wa Iseraele’. 15 “O ne o tlogetswe, o tlhoilwe, go se yo o go ralalang. Mo boemong jwa tseo ke tla go dira yo o galalelang ka bosakhutleng, yo o thabisang ditshika tsotlhe. 16 O tla anya mašwi a ditšhaba, o anya mabele a dikgosi. O tla itse gore nna Morena ke mopholosi wa gago; le gore mogolodi wa gago ke Senatla sa Iseraele. 17 “Ke tla go tlisetsa gouta boemong jwa kgotlho, ke go tlisetsa selefera boemong jwa tshipi le kgotlho boemong jwa dikgong le tshipi boemong jwa mafika. Ke tla dira kagiso mmuso wa gago le tshiamo balaodi ba gago. 18 Kgatelelo ga e nke e tlhola e utlwala mo lefatsheng la gago, le e seng tshenyo le thubako mo melelwaneng ya gago. O tla bitsa dipota tsa gago pholoso le dikgoro tsa gago pako. 19 “Letsatsi ga e nke e tlhola e nna lesedi la gago motshegare; phatsimo ya ngwedi ga e tlhole e go bonegela bosigo, mme Morena o tla nna lesedi le le sa khutleng la gago; Modimo wa gago o tla nna kgalalelo ya gago. 20 Letsatsi la gago ga le nke le tlhola le phirima; ngwedi wa gago ga o nke o tlhola o swa. Gonne Morena o tla nna lesedi le le sa khutleng la gago. Malatsi a khutsafalo ya gago a fedile. 21 Morafe wa gago e tla nna basiami botlhe fela; ba tla rua lefatshe ka bosakhutleng, e le matlhogela a ke a tlhomileng, e le tiro ya diatla tsa me gore ke ikgalaletse ka yona. 22 Yo mmotlana o tla tswa ba le sekete; yo monnye o tla nna setšhaba se se thata. Nna Morena ke tla akofa ke dirafatsa tseo mo motlheng wa tsona.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa