Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yesaye 6 - Setswana 1970


Jesaya o bona kgalalelo ya Morena . O bilediwa tiro ya boporofeti

1 E rile ngwageng o kgosi Usia o suleng ka ona, ka bona Morena, a ntse mo sedulong sa bogosi se segolo se se kwa godimo, mme meja ya kobo ya gagwe ya tlala ka Tempele.

2 BoSerafime ba bo ba eme godimo ga gagwe, mongwe le mongwe a na le diphuka di le thataro; a ipipa sefatlhego ka tse pedi; a ipipa maoto ka tse pedi; a fofa ka tse pedi.

3 Ba bitsanya ba re: “Go boitshepo, go boitshepo, go boitshepo Morena wa masomosomo; lefatshe lotlhe le tletse kgalalelo ya gagwe.”

4 Ke fa metheo le direpodi di tshikinyega ka kodu ya yo o kuang, mme ntlo ya tlala musi.

5 Foo ka bua ka re: “A tatlhego ya me wee, gonne matlho a me a bonye kgosi, Morena wa masomosomo; ke a nyelela, ka ke le motho wa molomo o o maswe; ke bile ke agile mo gare ga morafe o o melomo e maswe.”

6 Ke fa mongwe wa boSerafime a fofela kwa go nna, a tshotse legala la molelo ka seatla, a le ogotse mo aletareng ka letlao,

7 a le amisa molomo wa me a re: “Bona, legala le, le amile molomo wa gago; jaanong molato wa gago o tlogile, boleo jwa gago bo itshwaretswe.”

8 Ka ba ka utlwa lentswe la Morena le re: “Ke tla roma mang? Ke mang yo o tla re elang?” Ka re: “Ke fano, nthome!”

9 A ba a re: “Yaa o ree morafe o o re: ‘Go utlwa lo tla utlwa, mme ga lo kitla lo tlhaloganya! Go bona lo tla bona, mme ga lo kitla lo lemoga!’

10 Thatafatsa dipelo tsa morafe o, o thibe ditsebe tsa ona, o foufatse matlho a ona gore o se bone ka matlho, o se ka wa utlwa ka ditsebe, mme dipelo tsa ona di se ka tsa lemoga, gore o se ka wa tlhabologa, wa fodisiwa.”

11 Ka ba ka re: “Go fitlhelela leng, Morena?” A re: “Go tsamae metse e senyege, e tlhoke moagi, matlo a tlhoke motho, masimo a nne matlhagare fela;

12 Morena a tlosetse batho kwa kgakala, matlotla e nne a mantsi mo lefatsheng.

13 Le fa go ka sala a le mongwe mo go ba ba lesome, le ene o tla senyega. Go tla nna jaaka mogotlho gongwe motswere, o e a reng o remilwe, go sale thito. Thito ya ona ke losika lo lo boitshepo.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan