Yesaye 57 - Setswana 1970Baiseraele ba kgalemelwa ka ntlha ya tirelo-ya-medimo ya bone 1 Mosiami o a fela, mme ga go ope yo o elang tlhoko ka pelo; banna ba tumelo ba a tlosiwa, mme ga go kgathale ope. Gonne mosiami o tlosiwa tatlhego e ise e tle. 2 O tsena mo kagisong. Ba ba tsamaileng mo tseleng e e siameng ba ikhutsa mo malaong a bone. 3 Mme lona bomorwa moroka wa sesadi, lona ba losika lwa yo o senyang nyalo le yo o dirang boaka, atamelang kwano! 4 Lo tshega mang? Lo petlela mang melomo? Lo ntshetsa mang diteme? A ga lo bana ba boikepo le losika lwa maaka? 5 Lona ba lo fisegang pelong ka medimo fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala; ba lo tlhabang bana mo megorogorong le mo dikgageng tsa mafika! 6 Kabelo ya gago e mo mafikaneng a a borethe a molapo; ona, ee, ona ke karolo ya gago. Le gona o a tsheletse tshupelo ya noo, wa a isetsa tshupelo ya dijo. A nka ikgomotsa ka ga tseo? 7 O adile bolao jwa gago mo thabeng e e godimo e e okameng; le gona o tlhatlogetse teng go dira setlhabelo. 8 O pegile pheko ya gago fa morago ga mojako le mo mophakaregong. Gonne e rile o sena go ntlogela, wa fenosa kobo ya gago, wa tsena mo go yona, wa sutela kwa thoko, wa ikopanya le mongwe wa bone, wa rata go robala nae, wa bona bosaikatega. 9 O ne wa ya kwa kgosing ka lookwane, wa ntsifatsa ditlolo tse di nkgang monate tsa gago; wa roma barongwi ba gago kwa kgakala le kwa teng ga felo ga baswi. 10 O itapisitse ka maeto a mantsi a gago, mme ga o a ka wa re: “Ke tlhobogile.” O ne wa fitlhela thata ya gago e ntse e ntšhwafala. Ke ka moo o sa felang thata. 11 O ne wa tshwenyegela mang, wa mmoifa, fa o bua maaka jalo, o sa nkgopole, o sa ntlhokomele ka pelo? A ga ke re, ke ntse ke didimetse go tloga bogologolo. A ke ka moo o sa mpoifeng? 12 Ke tla itsise tshiamo ya gago le ditiro tsa gago, ga di na go go thusa sepe. 13 A e re fa o goa, bontsi jwa medimo ya gago bo go thuse! Mme yona yotlhe e tla tsewa ke phefo, e tlosiwa ke phefonyana. Mme yo o inkanyang o tla rua lefatshe, a nna moagi mo thabeng e e boitshepo ya me. Kgomotso ya ba ba kokobeditsweng 14 O tla re: “Tshelang mmu, tshelang mmu mo tseleng, e baakanyeng! Tlosang dikgopi mo tseleng ya morafe wa me!” 15 Gonne go bua jaana yo o tlotlometseng yo o godimodimo, yo o agileng mo bosakhutleng, yo leina la gagwe e leng Yo-o-Boitshepo, a re: “Ke agile kwa godimodimo le mo felong ga boitshepo. Le gona ke ntse ke na le yo o mowa o ngomogileng, o o kokobeditsweng, gore ke lapolose mewa ya ba ba kokobeditsweng, ke rudise pelo tsa ba ba bogisegileng. 16 Gonne ga nkitla ke lwa ka gale le e seng go galefa ka bosakhutleng. Gonne mewa ya bone e ka bo e felelwa ke thata fa pele ga me le maphelo a ke a dirileng ka nosi. 17 Ke ne ke le bogale ka ntlha ya tshiamololo ya bopelotshetlha jwa bone, ka ba itaya ke ntse ke iphitlha ke galefile. Mme ba itsamaela mo boikepong le mo boithatelong jwa dipelo tsa bone. 18 “Ke bonye ditsela tsa bone, mme ke tla ba alafa, ke ba goga, ke ba naya kgomotso gape, e leng ba ba pelo-di-botlhoko.” 19 Morena o bua a re: “Ke rata go ungwisa maungo a melomo, e leng kagiso, kagiso mo go ba ba kgakala le mo go ba ba gaufi, mme ke tla ba fodisa. 20 Mme baikepi ba tshwana le lewatle le le huduegang, gonne ga le itse go kokobela, mme metsi a lone a bilola dithetse le maswe.” 21 Modimo wa me o a re: “Baikepi ga ba na kagiso. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa