Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yesaye 55 - Setswana 1970


Re lalelediwa pholoso ya Modimo

1 “Heelang! Lona lotlhe ba lo nyorilweng, tlayang kwa metsing; ba lo se nang madi, tlayang lo reke mabele, lo je. Ee, tlayang lo reke mabele kwa ntle ga madi, weine le mašwi kwa ntle ga tefo.

2 Ke ka ntlhaang, fa lo ntshetsa dilo madi tse e seng bogobe? Fa lo ntsha tuelo tsa lona ka ntlha ya tse di sa kgoriseng? Utlwang, nkutlweng, lo je tse di molemo gore mewa ya lona e itapolose ka dijo tsa letlotlo.

3 “Sekegang ditsebe, tlayang kwa go nna, lo utlweng! Foo mewa ya lona e tla phela, mme ke tla dira kgolagano le lona e e sa khutleng, ke lo naya mapelotlhomogi a ga Dafita a a tlhomameng.

4 Kana ene ke mo dirile mosupi mo bathong; ka mo dira kgosi le molaodi wa merafe.

5 Bona, le wena o tla bitsa ditšhaba tse o sa di itseng; ditšhaba tse di neng di sa go itse di tla sianela kwa go wena ka ntlha ya Morena, Modimo wa gago, le ka ntlha ya Moitshepi wa Iseraele, ka a go galaleditse.”

6 Batlang Morena, a sa ntse a ka bonwa! Mmitseng, a sa ntse a le gaufi!

7 A moikepi a tlogele tsela ya gagwe, le monna yo o kgopo a latlhe maikaelelo a gagwe, a boele kwa Moreneng – foo o tla mo tlhomogela pelo – le kwa Modimong wa rona, gonne o na le boitshwarelo jo bogolo.

8 Gonne Morena a re: “Megopolo ya me ga se megopolo ya lona, le gona ditsela tsa lona ga se ditsela tsa me.

9 Gonne ditsela tsa me di okame ditsela tsa lona; le gona megopolo ya me e okame megopolo ya lona jaaka legodimo le okame lefatshe.

10 “Gonne lefoko la me le dira jaaka pula le semathana di fologa kwa legodimong, di sa boele teng, mme di nosa lefatshe, di le medisa, di le tlhogisa gore le nee mojwadi peo le moji bogobe;

11 lefoko la me le le tswang mo molomong wa me le lone le tla nna jalo. Ga le kitla le boela kwa go nna le sa dira sepe, mme le tla dira tse di nkgatlhang; le tla fetsa tse ke le di rometseng.

12 “Gonne lo tla bolola ka boitumelo, lo tsamaisiwa ka kagiso. Dithaba le dithabana di tla ponyega, di duduetsa fa pele ga lona; ditlhare tsotlhe tsa naga di tla opa diatla.

13 Boemong jwa mitlwa go tla tlhoga mesiperese; boemong jwa bogopa go tla gola metlhakolane. Go tla dirafala jalo go direla Morena leina le le tumileng le go nna sesupo se se sa khutleng se se sa phimolweng.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan