Yesaye 54 - Setswana 1970Kgolagano e ntšhwa ya Modimo le Iseraele 1 Duduetsa, wena moopa yo o iseng o ke o belege; ponyega o duduetse, o ipele, yo o sa segwang ke metlotsedi. Gonne bana ba yo o esi ba bantsi go feta bana ba yo o nyetsweng. Morena o buile jalo. 2 Katolosa manno a tente ya gago; a ba tsharolole masela a meago ya gago. Se rekegele, o leelefatse megala ya tente ya gago, o kokotelele dimapo tsa gago thata. 3 Gonne o tla anamela mo ntlheng ya le le jang le mo go ya la molema. Losika lwa gago lo tla rua ditšhaba; metse e e neng e le marope lo tla e tlatsa batho. 4 Se boife, gonne ga o nke o tlhajwa ke ditlhong; se tlhajwe ke kgala, gonne ga o nke o tlhonya. Gonne o tla lebala ditlhong tsa bošwa jwa gago, o sa tlhole o gakologelwa kgobo ya botlholagadi jwa gago. 5 Gonne yo o go dirileng ke monna wa gago. Leina la gagwe ke Morena wa masomosomo. Mogolodi wa gago ke Moitshepi wa Iseraele. Ene o tla bidiwa Modimo wa lefatshe lotlhe. 6 Gonne Morena o go biditse o le jaaka mosadi yo o tlogetsweng, yo o pelo e botlhoko; o le jaaka mosadi wa sebaka sa bošwa, fa a nyatsega. Modimo wa gago o buile jalo. 7 “Ke ne ke go tlogetse sebakanyana se sekhutshwanyane, mme ke tla go phutha ka mautlwelo-botlhoko a magolo. 8 E rile ke tuka bogale, ka go fitlhela sefatlhego sa me sebakanyana, mme ke tla go utlwela botlhoko ka bopelotlhomogi jo bo sa khutleng.” Morena, Mogolodi wa gago, o buile jalo. 9 “Gonne tseo di tshwana le malatsi a ga Noa mo go nna. Ke ikanne ka re: Metsi a ga Noa ga a kitla a tlhola a ralala lefatshe. Jaanong ke ikanne jalo ka re: Ga nkitla ke go galefela le e seng go go kgalemela. 10 Le fa dithaba di ka suta, le fa dithabana di ka reketla, bopelotlhomogi jwa me ga bo kitla bo tloga mo go wena; kgolagano ya me ya kagiso ga e kitla e reketla.” Morena yo o go utlwelang botlhoko o buile jalo. Jerusalema o mošwa 11 “Wena yo o tlhomolang pelo, yo o tebelwang ke ledimo, yo o sa gomodiwang, bona, ke tla tshwaraganya mafika a dipota tsa gago ka mmu o o phatsimang; ke thaya metheo ya gago ka mafika a matala. 12 Ditlhoa tsa matlo a gago ke tla di dira ka mafika a mahibitswana, le dikgoro tsa gago ka mafika a mahibidu, le lobota lotlhe lwa gago ka majwana a a rategang. 13 “Bana botlhe ba gago e tla nna barutwa ba Morena. Kagiso ya bana ba gago e tla nna kgolo. 14 O tla tlhomamisiwa ka tshiamo. O tla nna kgakala le pitlagano, ee, ga o na go boifa sepe, o le kgakala le therego, ee, ga e na go go atamela. 15 Le fa ba ka tsosa ntwa, ga e tswe mo go nna. Mme yo o go tlhaselang o tla wa a ntse a tlhabana nao. 16 “Bonang, ke nna yo ke tlhodileng mothudi yo o ubelang mo molelong wa magala, a thula sebolai ka botswerere jwa gagwe; le gona ke nna yo ke tlhodileng mosenyi gore a se senye gape. 17 Sebolai sengwe le sengwe se se thulwang gore se tlhabane nao, ga se nke se kgona sepe. Loleme longwe le longwe lo lo go tsogelang mo tshekong o tla lo fenya kganetsanyong. Ke jona boswa jwa batlhanka ba Morena le tshiamelo ya bone e e tswang mo go nna.” Morena o buile jalo. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa