Yesaye 52 - Setswana 1970Modimo o tla golola Jerusalema 1 Thanya, thanya, o apare thata ya gago, wena Sione! Apara diaparo tsa gago tsa mokgabo, wena Jerusalema, motse o o boitshepo! Gonne ga go kitla go tlhola go tsena ba ba sa rupang le ba ba itshekologileng mo go wena. 2 Tsoga o itlhotlhore lerole, wena Jerusalema yo o leng motshwarwi; dikgole tse di mo molaleng wa gago di bofologile, wena morwadia Sione yo o golegilweng. 3 Gonne Morena o bua jaana a re: “Lo rekisitswe e seng ka sepe; le gona lo tla rekololwa kwa ntle ga selefera.” 4 Gonne Morena Modimo o bua jaana a re: “Mo metlheng ya pele morafe wa me o ne wa falalela kwa Egepeto, ba nna baeng gona. Asiria le ene o o gateletse ka bomo.” 5 Mme jaanong Morena a re: “Ke fitlhela eng fano? Morafe wa me o thopilwe fela. Barena ba ba pelompe ba ona ba omana ka tlhodio. Mme leina la me le tlhola le kgalwa ka gale ka letsatsi lotlhe.” Morena o buile jalo. 6 “Ka moo morafe wa me o tla itse leina la me ka letsatsi leo; o lemoga fa e le nna yo ke buang ke re: Ke fano.” 7 Di dintle jang mo dithabeng dinao tsa morongwi yo o itumedisang, yo o utlwatsang kagiso, yo o begang mafoko a a molemo, yo o bolelang pholoso, a raya Sione a re: “Modimo wa gago ke kgosi.” 8 Reetsang! Batlhodi ba gago ba tsholetsa mantswe mmogo, ba duduetsa; gonne ba tla bona ka matlho, ba lebaganye nae, fa Morena a boela kwa Sione. 9 Ponyegang lo duduetse mmogo, lona marope a Jerusalema; gonne Morena o gomoditse morafe wa gagwe, a golola Jerusalema. 10 Morena o semile letsogo le le boitshepo la gagwe fa pele ga matlho a ditšhaba tsotlhe. Mme dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe di tla bona pholoso ya Modimo wa rona. 11 Hudugang, hudugang, tlogang gona! Se ameng tse di itshekologileng. Tswayang mo gare ga bone. Iphepafatseng, lona ba lo rweleng dijana tsa Morena. 12 Gonne ga lo na go huduga ka potlako, ga lo na go tsamaya jaaka batshabi. Gonne Morena o tla lo etelela pele, mme yo o lo salang morago ke Modimo wa Iseraele. Motlhanka wa Morena o a kokobediwa pogisong, a ba a godisiwa gape 13 “Bonang, motlhanka wa me, o tla tlhogonolofala; o tla tsholediwa, a godisiwa, a nna mogolo thata. 14 Ba bantsi ba ne ba mo gakgamalela ka poifo – ka sefatlhego sa gagwe se ne se senyegile, se tshwanologa mo go sa motho; ka popego ya gagwe e sa tshwane le ya batho. 15 O tla gakgamatsa ditšhaba tse dintsi jalo. Dikgosi di tla mo momela melomo. Gonne tse ba sa di bolelelwang ba a di bona; le tse ba iseng ba di utlwe ba a di tlhaloganya.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa