Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yesaye 51 - Setswana 1970


Kgomotso ya Modimo mo Baiseraeleng ba ba bogisegileng

1 “Nkutlweng ba lo latelelang tshiamo, ba lo batlang Morena. Lebang lefika le lo gabilweng mo go lone, le moepo wa sediba o lo epolotsweng mo go ona.

2 Lebang Aborahame rraeno le Sara yo o lo belegeng! Gonne ke mmiditse a ntse a le esi fela; ka mo tshegofatsa, ka mo atisa.

3 “Gonne Morena o gomotsa Sione, o gomotsa marope otlhe a gagwe. O tla fetola sekaka sa gagwe tshimo ya Etene le naga ya gagwe tshimo ya Morena. Lethabo le boitumelo di tla fitlhelwa teng, le difela tsa pako le melodi ya dikopelo.

4 “Ntheetseng, morafe wa me, ntshekegeleng ditsebe, batho ba me! Gonne thuto e tla tswa mo go nna; boammaaruri jwa me ke tla bo tlhoma go nna lesedi la merafe.

5 Tshiamo ya me e gaufi, pholoso ya me e bolotse. Mabogo a me a tla betsa merafe. Ditlhakatlhake di tla ntebelela, di solofela letsogo la me.

6 Tsholetsang matlho lo lelale kwa legodimong, lo be lo lebe lefatshe kwano tlase. Gonne legodimo le tla phatlalala jaaka musi; lefatshe le onala jaaka seaparo. Baagi ba lone ba tla swa jaaka menang. Mme pholoso ya me e tla nna teng ka bosakhutleng. Tshiamo ya me ga e kitla e senyega.

7 “Nkutlweleleng ba lo itseng tshiamo, lona batho ba molao wa me o leng teng mo dipelong tsa lona. Se boifeng kgobo ya batho! Se tshogeng dikgalo tsa bone.

8 Gonne motoutwana o tla ba ja jaaka seaparo, tshwele e ba ja jaaka boboa. Mme tshiamo ya me e tla nna teng ka bosakhutleng, le pholoso ya me mo ditshikeng tsotlhe.”

9 Thanya, thanya, o apare thata, wena letsogo la Morena! Thanya jaaka mo malatsing a kgale le mo ditshikeng tsa bogologolo! A ga se wena o remagantseng kgogela, wa phololetsa kgwanyape?

10 A ga se wena yo o kgadisitseng lewatle le metsi a bodiba jo bogolo, wa fetola mateng a lewatle tsela gore ba ba golotsweng ba tshele?

11 Ba ba rekolotsweng ba Morena ba tla boa, ba fitlha mo Sione ka tuduetso. Boitumelo jo bo sa khutleng bo tla okama ditlhogo tsa bone. Ba tla nna mo boitumelong le mo lethabong. Bohutsana le diphegelo di tla tshabela kgakala.

12 “Ke nna, ke nna yo ke lo gomotsang. O tla bo o le mang, fa o boifa motho yo o tla swang, le morwa motho yo o tla dirwang jaaka bojang?

13 O tla bo o le mang, fa o lebala Morena yo o go dirileng, yo o phuthololang legodimo, a thaya lefatshe; fa o tlhola o boifa kgalefo ya mogateledi letsatsi lotlhe, motlhang a iketleeleditseng go senya? Mme jaanong e kae, kgalefo ya mogateledi?

14 Yo o kudupantsweng ka dikgole o tla akofa a funololwa. Ga a nke a swela mo moleteng, le e seng go tlhoka dijo tsa gagwe.

15 “Mme nna ke Morena, Modimo wa gago, yo o huduang lewatle gore makhubu a lone a sume. Morena wa masomosomo, ke lone leina la me.

16 Ke beile mafoko a me mo molomong wa gago, ka go khurumetsa ka moriti wa seatla sa me gore ke phutholole legodimo, ke thae lefatshe, ke ree Sione ke re: ‘O morafe wa me.’ ”


Dipogo tsa Jerusalema di tla khutla

17 Itsose, itsose, o tsoge, wena Jerusalema yo o nositsweng senwelo sa bogale jwa Morena ka seatla sa gagwe; wa nwa senwelo se se theekedisang, wa se minolosa.

18 Jerusalema o ne a se na ope mo go bomorwawe botlhe ba o ba tsetseng, yo o mo gogang; a se na ope mo go bomorwawe botlhe, yo o mo tshwarang letsogong.

19 Dilo tse pedi tse, di go dirafaletse – Ke mang yo o tla go lelelang? – e bong kgatelelo le tshenyego, gape leuba le tšhaka. Ke mang yo o ka go gomotsang?

20 Bomorwao ba ne ba rapaletse fa fatshe mo mebileng yotlhe fa e kgabaganang teng ba idibetse jaaka tshephe mo gopong, ba tletse kgalefo ya Morena le kgalemelo ya Modimo wa gago.

21 Ka moo ge, utlwa fa, wena yo o bogisegileng, yo o tagilweng, mme e seng ka weine:

22 Morena wa gago, Morena, Modimo wa gago, yo o lwelang morafe wa gagwe, o bua jaana a re: “Bona, ke tlositse senwelo se se theekedisang mo seatleng sa gago, e bong senwelo sa bogale jwa me. Ga o kitla o tlhola o se nwa.

23 Mme ke tla se tsenya mo diatleng tsa bagateledi ba gago ba ba go reileng ba re: ‘Inama, re go gate, re fete!’ Wa ba wa dira motlhana wa gago jaaka lefatshe, jaaka tsela ya ba ba gatang, ba feta.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan