Yesaye 50 - Setswana 19701 Morena o bua jaana a re: “Lokwalo lwa tlhalo la ga mmaeno lo kae, lwa ke mo tlhadileng ka lone? Gongwe ke molato le mang, yo ke lo rekisitseng mo go ene? Bonang, lo rekisitswe ka ntlha ya melato ya lona. Mmaalona o tlhadilwe ka ntlha ya maleo a lona. 2 “Ke ka ntlhaang, fa ke tlile, ke sa fitlhele ope; ka bitsa, mme go se na yo o arabang? A ruri letsogo la me le khutshwafetse, mo le sa itseng go rekolola? Gongwe a ke tlhoka thata ya go ka pholosa? Bonang, ke kgadisa lewatle ka kgalemelo ya me, ke fetola dinoka sekaka; ditlhapi tsa tsona di be di nkge, ka di se na metsi, di swe ka lenyora. 3 Ke apesa legodimo bontsho; ke le bipe ka diaparo tsa bohutsana.” Kutlo ya Motlhanka wa Morena le boikanyo jwa gagwe 4 Morena Modimo o mphile loleme lwa yo o rutegileng gore ke itse go lapolosa yo o lapileng ka mafoko; o ntsosa mo mosong mongwe le mongwe, o nthibolola tsebe gore ke utlwe jaaka barutwa. 5 Morena Modimo o nthibolotse tsebe, mme nna ga ke a ganetsa; ga ke a sutela kwa morago. 6 Ke neetse ba ba ntitayang motlhana wa me, le ba ba ntlhobang ditedu, marama a me; ga ke a ipipa sefatlhego, fa ba nkgoba, ba nkgwela mathe. 7 Morena Modimo o ntse a nthusa; ke ka moo ke sa tlhajweng ke ditlhong; ke ka moo ke dirileng sefatlhego sa me jaaka legakwa, ka itse gore kgala ga e na go nkama. 8 Yo o ntshiamisetsang o gaufi! Ke mang yo o ratang go seka le nna? A re emeng mmogo! Ke mang yo o ganetsanyang le nna? A a nkatamele! 9 Bonang, Morena Modimo o a nthusa. Ke mang yo o ka mponang molato? Bonang, ba tla onala botlhe jaaka seaparo; motoutwana o tla ba ja. 10 Ke mang mo go lona yo o boifang Morena, yo o utlwang lentswe la motlhanka wa gagwe, yo o sepelang mo mafifing a sa bone lerang la lesedi? A a ikanye leina la Morena, a ikaege ka Modimo wa gagwe. 11 Bonang, lona lotlhe ba lo gotsang molelo, lo itlama ka metsu e e tukang, tsamayang mo kgabong ya molelo wa lona le ya metsu e e tukang e lo e tshumileng. Ke sona se se lo dirafalelang, se tswa mo seatleng sa me. Lo na le go lala fa fatshe mo felong ga tlhokofatso. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa