Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yesaye 5 - Setswana 1970


Sefela sa tshimo ya moweine ya Morena e e sa ungweng

1 A ko lo ntese ke opelele moratiwa wa me, ke opele sefela sa tsala ya me ka ga tshimo ya moweine ya gagwe: Moratiwa wa me o ne a na le tshimo ya moweine mo mmotong wa mmu o o bogale.

2 A e lema, a olola matlapa, a tlhoma dithupana tsa moweine tse di tlhaotsweng mo go yona; a ba a aga serala mo gare ga yona, le gona a gaba segatelo mo go yona, a nna a lebelela a re: E tla ungwa maungo a a monate; mme ya ungwa masitlha a a botlha fela.

3 Jaanong, baagi ba Jerusalema le banna ba Juta, a ko lo atlhole gare ga me le tshimo ya me ya moweine!

4 Kana go ka bo go dirilwe eng gape mo tshimong ya moweine ya me se ke sa se dirang mo go yona? Ntlhaang ke ne ke lebeletse gore e tla ungwa maungo a a monate, mme e ungwile masitlha a a botlha fela?

5 Jaanong he, ke rata go lo itsise se ke tla se dirang ka tshimo ya me ya moweine: Ke tla tlosa logora lwa yona gore e nne mafulo, ke diga lorako lwa yona gore e gatakwe.

6 Ke tla e senyetsa ruri, e se ka ya tlokotlwa, e se ka ya tlhagolwa, mme go tlhoge mesu le ditshetlho teng. Ke tla laola maru gore a se ka a e nesetsa pula.

7 Gonne tshimo ya moweine ya Morena wa masomosomo ke ntlo ya Iseraele; ditlhatshana tse di mo natefelang ke banna ba Juta. O na a lebeletse tshiamo, mme a fitlhela tshokamo; a letetse tshiamiso, mme a fitlhela selelo.


Kgalemelo ya maleo a mefutafuta

8 A tatlhego ya bone wee ba ba tlhomaganyang ntlo le ntlo, ba oketsa tshimo ka tshimo, go tsamaya naga e be e felelele, mme lona lo itire beng ba lefatshe lo le losi fela.

9 Morena wa masomosomo o buile mo ditsebeng tsa me a re: “Ruri, matlo a mantsi a tla fetoga matlotla; a magolo le a mantle a tla nna fela a se na ope.

10 Gonne ditema tsa malatsi a le some tsa tshimo ya moweine di tla ungwa kgamelo e le nngwe fela; fa go jwetsweng kgetse ya peo, go tla kotulwa tlatlana fela.”

11 A tatlhego ya bone wee ba ba phakelelang go batla bojalwa, le ba ba nnetseng weine e e ba tlhapelang go ya gareng ga bosigo.

12 Go na le kwadi le setinkane le moropa le lotlhaka le weine mo matlhapelweng a bone, mme tiro ya Morena ga ba e tlhokomele; tirafatso ya diatla tsa gagwe ga ba e lemoge.

13 Ka ntlha ya moo morafe wa me o tla ya mo botshwarong ka ntlha ya go tlhoka kitso; batlotlegi ba ona ba tla swa ka tlala, batlhodi ba ona ba bolawa ke lenyora.

14 Ka ntlha ya moo felo ga baswi go atlhamolositse legano la gona; go atlhamisitse molomo wa gona go feta tekanyo gore go wele teng batlotlegi ba Jerusalema le ba e leng batho fela ba teng, ba ba tlhodiang gona le ba ba duduetsang teng.

15 Foo motho o tla inamisiwa, monna a kokobediwa, matlho a ba ba ikgodisang a tla gagabisiwa fa fatshe.

16 Mme Morena wa masomosomo o tla nna mogolo ka katlholo; Modimo o o boitshepo o tla itshupa o le boitshepo ka tshiamo.

17 Foo dikwanyana di tla fula teng e le mafulo a tsona; dipotsane di tla fula mo matlotleng a bahumi.

18 A tatlhego ya bone wee ba ba gogang tshiamololo ka megala ya boikepo, le boleo jaaka e kete ka dikgole tsa koloi;

19 ba ba reng: “A a itlhaganele, a akofise tiro ya gagwe gore re e bone; a boikaelelo jwa Moitshepi wa Iseraele bo atamele, bo dirafale gore re bo itse!”

20 A tatlhego ya bone wee ba ba bitsang bosula molemo, le molemo bosula; ba ba fetolang lefifi lesedi, le lesedi lefifi; ba ba fetolang bogalaka botshe, le botshe bogalaka!

21 A tatlhego ya bone wee ba ba iponang botlhale, ba ba ikayang batlhalefi!

22 A tatlhego ya bone wee ba e leng diganka mo go nweng weine, le bagale mo go tlhakanyeng majalwa;

23 ba ba atlholelang moikepi ka ntlha ya thelesetso, ba ba tseelang mosiami se e leng tshiamelo ya gagwe!

24 Ke gona ka moo modi wa bone o tla bolang, sethunya sa bone se tla tlhatloga e le lerole, jaaka kgabo ya molelo e ja dirite le jaaka tlhaga e kokobelela mo molelong; gonne ba latlhile molao wa Morena wa masomosomo, ba nyatsa lefoko la Moitshepi wa Iseraele.


Modimo o betsa morafe ka morafe o mongwe

25 Ke ka moo bogale jwa Morena bo tuketseng morafe wa gagwe, a ba otlololela letsogo, a ba otla, mo dithaba di bileng tsa roroma, mo ditoto tsa bone di bileng tsa nna teng jaaka matlakala mo mebileng. Le fa go ntse jalo, bogale jwa gagwe ga bo a fela; letsogo la gagwe le sa ntse le otlologile.

26 Gonne o tla emisetsa ditšhaba tse di kwa kgakala sefoka, a bitsa setšhaba ka molodi kwa bokhutlong jwa lefatshe. Bonang, ba tla akofa, ba tla ka bofefo,

27 go se yo o lapileng, go se yo o kgopiwang mo go bona. Ga ba otsele, ga ba robale. Meitlamo ya matheka a bone ga e funologe; dikgole tsa ditlhako tsa bone ga di kgaoge.

28 Metsu ya bona e looditswe, mara otlhe a bona a obilwe; ditlhako tsa dipitse tsa bona di thata jaaka matlapa, maotwana a dikoloi tsa bona a tshwana le ledimo.

29 Tumo ya bona e tshwana le ya tau; ba duma jaaka ditawana. Ba tla rora, ba tshwara thopo, ba e tsaya fela go se yo o ka e gololang.

30 Ba tla rora godimo ga Iseraele ka letsatsi leo jaaka go suma ga lewatle; mme motho o tla leba lefatshe, a fitlhela lefifi le tlalelo fela; lesedi le fifaditswe ke maru a lefatshe.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan