Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yesaye 49 - Setswana 1970


Motlhanka wa Morena ke lesedi la merafe

1 Nkutlweng, lona ditlhakatlhake, reetsang, lona merafe kwa kgakala! Morena o mpiditse go tloga botsalong, a bolela leina la me, mmê a ise a mpelege.

2 A dira molomo wa me jaaka tšhaka e e bogale, a mphitlha mo moriting wa seatla sa gagwe; a ntira motsu o o tlhokotsegileng, a mphitlha mo mokotlopong wa gagwe.

3 A nthaya a re: “O motlhanka wa me, Iseraele, yo ke ikgalaletsang ka wena.”

4 Mme nna ka re: “Ke itapiseditse lefela, ka fedisetsa thata ya me boithamako fela. Mme ruri tshiamelo ya me e mo Moreneng, tuelo ya me e mo Modimong wa me.”

5 Mme jaanong go bua Morena yo o ntirileng motlhanka wa gagwe go tloga botsalong gore ke busetse Jakobe kwa go ene, mme Iseraele a phuthegele kwa go ene – Ee, ke a tlotlega mo matlhong a Morena, mme Modimo wa me e ne ya nna thata ya me –

6 a re: “Ga go lekane, fa o le motlhanka wa me go tsosa ditso tsa ga Jakobe le go busa ba ba bolokilweng ba Iseraele; le gona ke go dirile lesedi la baheitane gore o nne pholoso ya me go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe.”

7 Morena, Mogolodi wa Iseraele, Moitshepi wa gagwe, o bua jaana le yo o nyatsegang thata, yo e leng maila mo setšhabeng, yo e leng motlhanka wa barena ba ba setlhogo, a re: “Dikgosi le dikgosana di tla bona, di nanoga, di obamela ka ntlha ya Morena yo o ikanyegang le ka ntlha ya Moitshepi wa Iseraele yo o go itlhaoletseng.”


Jerusalema o tla tsosiwa

8 Morena o bua jaana a re: “Ke go utlwile mo sebakeng sa bopelotlhomogi ka go thusa ka letsatsi la pholoso; ka go boloka, ka go dira kgolagano ya morafe le Modimo, go tsosa lefatshe le go aba boswa jo bo senyegileng,

9 le go raya bagolegwi: ‘Tswayang!’ le go raya ba ba mo lefifing: ‘Tswelang mo leseding!’ Ba tla fudisa fa thoko ga ditsela tsotlhe. Mafulo a bone a mo mebotong yotlhe e e iphotlhereng.

10 Ga ba kitla ba tshwarwa ke tlala le e seng go bolawa ke lenyora. Ga ba nke ba tlhajwa ke letsatsi, le fa e le bolelo jwa sekaka. Gonne yo o ba utlwelang botlhoko o tla ba etelela pele, a ba isa kwa metsweding ya metsi.

11 Dithaba tsotlhe tsa me ke tla di dira tsela. Ditsela tse dikgolo tsa me di tla bo di katilwe ka mmu.

12 Bonang, bao ba tswa kwa kgakala; bonang, bale ba tswa kwa bokone le kwa bophirimatsatsi, mme bano mo lefatsheng la Basini.”

13 Ipeleng, lona magodimo! Itumele, wena lefatshe! Tlhabang mokgosi wa tuduetso, lona dithaba, gonne Morena o gomoditse morafe wa gagwe, a tlhomogela babogisegi ba gagwe pelo.

14 Mme Sione a re: “Morena o ntlogetse. Morena o ntebetse.”

15 “A mosadi a ka lebala lesea la gagwe, a sa utlwele morwa mmele wa gagwe botlhoko? Le fa ene a ka mo lebala, nna ga nkitla ke go lebala.

16 Bona, ke tshwaile leina la gago mo diatleng tsa me; dipota tsa gago di fa pele ga me ka gale.

17 “Ba ba go agang ba a itlhaganela; ba ba go rutlileng ba go senya, ba a go tlogela.

18 Tsholetsa matlho o lebe mo ntlheng tsotlhe: Ba phuthegile botlhe, ba tla kwa go wena.” Morena a re: “Ka bophelo jwa me! Ò tla ba apara botlhe jaaka mokgabo; ò itlama ka bone jaaka monyalwa.

19 “Gonne marope a gago le metse ya gago e e senya le lefatshe la gago le le sentsweng – ee, jaanong le tla bo le sa lekane baagi. Mme ba ba go senyeditseng ba ile kwa kgakala.

20 Ee, bana ba gago ba o neng o ba thukhuthilwe ba tla bua gape mo ditsebeng tsa gago ba re: ‘Manno a me a pitlaganye. A nkokeletse gore ke bone bonno.’

21 O tla akanya mo pelong o re: ‘Ke mang yo o ntsaletseng bana ba? Kana ke ne ke se na bana, ke le moopa; ke le mo botshwarong, ka lelekiwa. Ke mang yo o ba godisitseng? Bonang, ke ne ke setse ke le nosi fela. Ba ne ba le kae bone ba?’ ”

22 Morena Modimo o bua jaana a re: “Bonang, ke tla gwetlha ditšhaba ka letsogo, ke tlhomela merafe sefoka sa me kwa godimo. Foo ba tla tlisa bomorwao ba ba tshotse ka mabogo; bomorwadio ba tla sikarwa ka magetla.

23 Mme dikgosi e tla nna batlamedi ba gago; bahumagadi ba tsona e tla nna baamusi ba gago. Ba tla go obamela ba inametse ka difatlhego fa fatshe, ba latswa lerole la dinao tsa gago. Foo o tla itse gore ke nna Morena! Le gore ba ba ntebelelang ga ba tlhajwe ke ditlhong.”

24 A senatla se ka amogiwa thopo? Gongwe a batshwarwi ba morena yo o peloethata ba ka falola?

25 Ee, Morena o bua jaana a re: “Senatla le sona se tla amogiwa batshwarwi; thopo ya morena yo o peloethata le yona e tla falola. Ke nna yo ke tla lwang le yo o lwang nao; ke nna yo ke pholosang bana ba gago.

26 Ba ba go gatelelang ke tla ba jesa nama ya mebele ya bone; ba tla tagwa ke madi a bone jaaka ke weine a ntšhwa. Mme batho botlhe ba tla itse gore ke nna Morena, Mopholosi wa gago; le gore Mogolodi wa gago ke Senatla sa ga Jakobe.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan