Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yesaye 47 - Setswana 1970


Tatlhego ya Babele

1 “Fologa o nne mo leroleng, wena lekgarebe, morwadia Babele; nna fa fatshe o se na bogosi, morwadia Bakalatea. Gonne ga o kitla o tlhola o bidiwa morategi le wa tlekeetso.

2 Tsaya tshilo, o sile bupe; apola lesire la gago, tsholetsa diaparo, ikapole dirope, o tshele dinoka!

3 A bosaikatega jwa gago bo senolwe, a ditlhong tsa gago di bonale! Ke tla busolosa, ke sa rekegele motho.”

4 Leina la Mogolodi wa rona ke Morena wa masomosomo, Moitshepi wa Iseraele.

5 “Nna fatshe o didimale, o tsene mo lefifing, morwadia Bakalatea. Gonne ga o kitla o tlhola o bidiwa ‘Mohumagadi wa magosi’.

6 E rile ke galefela morafe wa me, ke itshepolola boswa jwa me, ka o neela mo seatleng sa gago. Ga o ba direle ka kutlwelo-botlhoko. O imetsa batsofe thata ka joko ya gago.

7 O a re: ‘Ke tla nna jalo ka bosakhutleng, ke le mohumagadi ka gale.’ Dilo tseo ga o a di akanya mo pelong, ga o a gopola bokhutlo jwa tsona.

8 “Jaanong utlwa tseo, wena yo o lemetseng, yo o dutseng o iketlile, o ithaya mo pelong o re: ‘Ke nna, ga go na ope o sele. Ga nkitla ke phela ke le motlholagadi. Go tlhoka bana ga nkitla ke go itse.’

9 Mme botlholagadi le go tlhoka bana, tseo di tla go dirafalela ka bobedi jwa tsona ka tshoganyetso ka letsatsi le le lengwe, di go wela ka botlalo; le fa mereo ya gago e le mentsi, le dipheko tsa gago di na le thata e kgolo;

10 le fa o ne wa ikanya bolotsana jwa gago wa re: ‘Ga go na yo o mponang.’ “Botlhale jwa gago le kitso ya gago tsona di go timeditse, wa ithaya mo pelong wa re: ‘Ke nna, ga go na ope o sele.’

11 Mme kotsi e tla go dirafalela, o sa itse go e thibela ka mereo; tatlhego e tla go wela, o sa kgone go iphemela ka ditlhabelo; tshenyego e tla go wela ka tshoganyetso, o sa itse.

12 A ko o ikemise ka dipheko tsa gago le ka bontsi jwa mereo ya gago, tse o itapisitseng ka tsona go tswa bonyaneng jwa gago! Ka gongwe o tla itse go thusa; ka gongwe o ka tshosa bangwe.

13 O itapisitse ka maano a mantsi a gago. A ba ba lomologanyang legodimo, le balepi ba dinaledi ba ba itsiseng ka ngwedi mongwe le mongwe o o rogwang tse di tla go dirafalelang, ba ikemise, ba go thuse!

14 “Bonang, ba tshwana le dirite. Molelo o a ba fisa. Ga ba nke ba pholosa maphelo a bone mo kgabong. Kana ga se magala a go ikomosa, ga se molelo o o orwang!

15 Ba o itapisitseng ka bone, wa rekisanya nabo go tswa bonyaneng jwa gago, o na le go ba tlhoboga le bone. Mongwe le mongwe o tla itsamaela, a go tlogela, go se na yo o go pholosang.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan