Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yesaye 46 - Setswana 1970

1 “Bele o kokobetse, Nebo o sokame! Ditshwantsho tsa medimo ya bone di belesitswe diesele le dikgomo, tse lo neng lo di rwala. Jaanong ke morwalo wa diphedi tse di lapileng.

2 Di feletswe ke thata, di wela mmogo fa fatshe, ga di kgone go pholosa morwalo wa medimo. Yona ka yosi e ya mo botshwarong.

3 “Nkutlweng, lona ba lapa la ga Jakobe le lona masalela otlhe a Baiseraele: Ke lona lo belegweng ke nna go tswa sebopelong; ke lona lo beputsweng ke nna.

4 Mme ke ntse ke le ene go fitlha tsofalong. Ke nna yo ke tla belegang lona go tsamaya lo nna tlhogo di pududu. Ke nna yo ke dirileng jalo; ke nna yo ke tla rwalang, ke nna yo ke belegang, ke nna yo ke pholosang.

5 “Lo tla ntshwantshanya le mang, lo ntekanya le mang, lo mpapisa le mang, gore re tshwane?

6 Ba ba ntshang gouta mo letloleng le go lekanya selefera ka selekanyetso, ba rapa mothudi wa gouta gore a dire modimo ka tsona; ba feta ba khubama, ee, ba o obamela.

7 Ba o sikara mo magetleng, ba o rwala, ba o emisa mo mannong a ona. Jaanong o eme, ga o sute mo felong ga ona. Le fa mongwe a goela kwa go ona, ga o arabe; ga o mo pholose mo tlalelong ya gagwe.

8 “Gakologelwang tseo, lo eme senna, lona baikepi, lo di tlhokomele!

9 Gakologelwang dilo tsa pele, tsa bogologolo. Kana ke nna Modimo, ga go na ope o sele; ke nna Modimo, ga go na ope yo o tshwanang le nna.

10 Ke nna yo ke itsisitseng bokhutlo e sa le mo tshimologong, le tse di iseng di dirafale mo metlheng ya kgale. Ke nna yo ke rileng: ‘Maikaelelo a me a tla dirafala; tsotlhe tse di nkgatlhang ke tla di dira.

11 Ke nna yo ke biditseng ntsu kwa botlhabatsatsi, e bong monna yo o tla dirafatsang maikaelelo a me, a tswa kwa lefatsheng le le kgakala. Ke di begile, le gona ke tla di tlisa; ke di etleeditse, le gona ke tla di fetsa.

12 “ ‘Nkutlweleleng, lona ba lo pelo di thatafaditsweng, ba lo leng kgakala le tshiamo!

13 Ke atameditse tshiamiso ya me, ga e kgakala. Pholoso ya me ga e diege. Ke aba pholoso mo Sione, ke naya Iseraele kgalalelo ya me.’ ”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan