Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yesaye 45 - Setswana 1970


Mong-wa-thata-yotlhe o dirafatsa tiro ya gagwe ka kgosi Korese, sediri sa gagwe

1 Morena o raya Korese, motlodiwa wa gagwe, a re: “Wena yo ke go tshwereng letsogong le le jang gore ke dige ditšhaba fa pele ga gago, ke tlhamolole matheka a dikgosi, ke go bulele mejako gore dikgoro e se ka ya nna tse di tswetsweng:

2 Ke tla go etelela pele ka nosi, ke lekalekanya mebotwana, ke thuba ditswalo tsa kgotlho, ke thubaganya diphemelo tsa tshipi.

3 Ke tla go naya dikhumo tse di mo sephiring le mahumo a a fitlhegileng gore o tle o itse gore, ke nna Morena yo o go biditseng ka leina la gago, Modimo wa Iseraele.

4 Ke go biditse ka leina la gago ka ntlha ya ga Jakobe, motlhanka wa me, le ka ntlha ya ga Iseraele, yo ke mo itlhaoletseng ka go okeletsa maina a tlotlo, le fa o sa nkitse.

5 “Ke nna Morena, ga go na ope o sele; le gona ga go na Modimo ope kwa ntle ga me. Ke go tlamile, le fa o sa nkitse,

6 gore ba itse go tswa kwa botlhabatsatsi go fitlha kwa bophirimatsatsi, fa go se ope kwa ntle ga me. Ke nna Morena, go se na ope o sele.

7 Ke nna yo ke bopang lesedi, le gona ke tlhola lefifi; ke dira pholoso, le gona ke tlhola tatlhego. Ke nna Morena yo o dirang dilo tsotlhe tse.

8 Lona magodimo, rothang go tswa kwa godimo! A maru a nese lesego! A lefatshe le kolobe gore go tlhoge pholoso. Le gona lefatshe le godise tshiamo. Ke nna Morena yo ke tlhodileng tseo.”

9 A tatlhego ya gagwe wee yo o lwang le Mmopi wa gagwe, etswe e le lobeana fela mo gare ga mabeana a letsopa. A letsopa le ka raya mmopi wa lone la re: “Ò dira eng?” A tiro ya gago e ka re: “Ga o na diatla?”

10 A tatlhego wee ya yo o rayang rra-bana a re: “O tsaletseng?” A ba a raya mosadi a re: “O belegetseng?”

11 Morena, Moitshepi wa Iseraele, Mmopi wa gagwe, o bua jaana a re: “Mpotseng tse di tla dirafalang; lo nte ke laole bomorwaake le tiro ya diatla tsa me.

12 Ke nna yo ke dirileng lefatshe, ka tlhola batho mo go lone; ke nna yo ke phutholotseng legodimo ka diatla tsa me, ka laola lesomo lotlhe la lone.

13 Ke nna yo ke tsositseng Korese ka tshegofatso; ke tla baakanya ditsela tsotlhe tsa gagwe. Ene o tla aga motse wa me, a golola batshwarwi ba me kwa ntle ga serekololo le kwa ntle ga dimpho.” Morena wa masomosomo o buile jalo.

14 Morena o bua jaana a re: “Khumo ya Egepeto le kgwebo ya Ethiopia le Baseba ba e leng banna ba baleele di tla tlisiwa kwa go wena gore e nne tsa gago; ba tla go latela, ba fetela pele ba ntse ba golegilwe ka dikeetane, ba obamela ba lebile kwa go wena ba re: ‘Ka nnete, Modimo o na nao; ga go na ope o sele, ga go modimo o mongwe.

15 Ruri, wena o Modimo o o fitlhegileng; wena Modimo wa Iseraele, o Mopholosi.

16 Ba ba bopang modimo ya diseto ba tlhabilwe ke ditlhong, le gona ba nyatsega botlhe mmogo, ba tsamaya ba le mo tshilofalong.’ ”

17 Iseraele o pholosiwa ke Morena. Ke pholoso e e sa khutleng. Ga lo nke lo tlhajwa ke ditlhong, le e seng go kgobiwa ka gale le ka bosakhutleng.

18 Gonne Morena, Motlhodi wa legodimo, yo e leng Modimo o le osi fela, yo o bopileng lefatshe, a le dira, a le thaya – ga a le bopela gore le nne senya, mme o le bopetse gore batho ba nne mo go lone – o bua jaana a re: “Ke nna Morena, ga go na ope o sele.

19 Ga ke a ka ka bua mo sephiring, mo felong ga lefatshe fa go lefifi; ga ke a raya losika lwa ga Jakobe ka re: ‘Mpatleleng lefela!’ Ke nna Morena yo o buang tsa nnete, yo o itsiseng tse di siameng.”


Morena wa mafatshe otlhe Medimo ya Babele

20 “Phuthegang, tlayang, lo atamele kwano lotlhe, ba lo falotseng ba ditšhaba! Ba ba rweleng kota e e leng modimo wa bone, ba ba rapelang modimo o o sa thuseng sepe, ga ba itse sepe.

21 Itsiseng, o tlise medimo kwano! Ee, a e gakololane mmogo! Ke mang yo o sa bolong go utlwisa tseo, a di itsise kgale? A ga se nna Morena, mme go se na modimo ope kwa ntle ga me? Modimo wa boammaaruri o o pholosang ga o teng kwa ntle ga me.

22 “Sokologelang kwa go nna gore lo tle lo pholosiwe, lona dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe. Gonne ke nna Modimo, ga go na ope o sele.

23 Ke ikanne ka nna; boammaaruri bo dule mo molomong wa me, e leng lefoko le le sa dirololweng le le reng: ‘Mangole otlhe a tla nkhubamela, diteme tsotlhe di tla ineela mo go nna ka maikano.’

24 Go tla twe: ‘Ke na le pholoso e e tletseng le thata mo Moreneng fela.’ Ba tla tla kwa go ene; mme botlhe ba ba mo gakaletseng ba tla tlhajwa ke ditlhong.

25 Losika lotlhe lwa Iseraele lo tla siamisiwa mo Moreneng, lo ipoka ka ene.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan