Yesaye 44 - Setswana 1970Morena ke Modimo o le osi 1 “Mme jaanong utlwa, Jakobe, motlhanka wa me, le wena Iseraele yo ke mo itlhaoletseng. 2 Morena yo o go dirileng, a go bopa o sa le mo mmeleng wa ga mmaago; Morena yo o go thusang o bua jaana a re: Se boife, Jakobe, motlhanka wa me, le wena Ješurune yo ke mo itlhaoletseng. 3 “Gonne ke tla tshela metsi mo nageng e e nyorilweng, ke eledisa dinokana mo nageng e e omeletseng. Ke tla tshela Mowa wa me mo baneng ba gago le lesego la me mo losikeng lwa gago. 4 Mme ba tla tlhoga jaaka bojang le jaaka menwametsi e e fa dinokaneng. 5 “Mongwe o tla re: ‘Ke wa Morena’; yo mongwe o tla ipitsa ka leina la Jakobe; yo mongwe gape o tla kwala mo letsogong la gagwe a re: ‘Ke wa Morena,’ a ba a ikokeletsa leina la Iseraele.” Boithamako jwa medimo e sele 6 Morena, Kgosi ya Iseraele, Mogolodi wa gagwe, Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “Ke nna wa ntlha, le gona ke nna wa bofelo. Ga go na modimo ope kwa ntle ga me. 7 Ke mang yo o ka bolelelang ditirafalo pele jaaka nna, fa e sa le ke nnisa morafe wa bogologolo mo lefatsheng? A a di itsise, a di bee fa pele ga me ka thulaganyo! Le gona a ba itsise tse di kwa pele le tse di tla dirafalang. 8 Se reregeng, lo se boife! A ga se go tswa bogologolo ke ntse ke lo utlwisa le go lo itsise tse di tla dirafalang? Lo basupi ba me. A go na le Modimo kwa ntle ga me? Nnyaya, ga go na lefika le sele. Ga ke itse lepe.” Medimo ga se ya sepe 9 Botlhe ba ba bopang medimo e sele ke ba boithamako fela; diratiwa tsa bone ga di thuse sepe. Basupi ba tsona ga ba bone sepe, ga ba itse sepe, mme ba tla tlhajwa ke ditlhong. 10 Kana ke mang yo o a tleng a betle modimo o sele le go bopa setshwantsho sa modimo o o sa thuseng sepe? 11 Bonang, botlhe ba ba o ineelang ba tla tlhajwa ke ditlhong. Babopi ba ona ke batho fela. A ba kgobokane botlhe ba eme! Ba tla tshoga, ba tlhajwa ke ditlhong ba botlhe. 12 Mothudi o dira modimo ka tshipi le magala, a o batole ka dinoto, a o dire ka letsogo le le thata la gagwe. Le gona o bolawa ke tlala, a fele thata; ga a nwe metsi, a ba a lape. 13 Mmetli wa dikgong o gagamatsa thapo, a thala setshwantsho sa ona ka sethadi, a o seta ka phalo, a o tshwaya ka selekanyi, a dira setshwantsho sa monna, sa motho yo montle gore se nne mo ntlong. 14 O ithemela mesetere, a tlhophe motswere gongwe setlhare se sengwe, a se ikgodisetse mo ditlhareng tsa sekgwa. O tlhoma ditlhare tsa paina, mme pula e di godise, 15 di thuse motho, a gotse molelo ka tsona. O tsaya tse dingwe, a ore molelo ka tsona. Le gona o a di tshuma gore a apee bogobe. Ee, le gona o dira modimo ka tsona gore a o obamele. O dira modimo wa seseto ka tsona gore a khubame fa pele ga ona. 16 Ntlhanngwe ya tsona o e fisa ka molelo, a bese nama mo magaleng a ona, a je nama, a kgore; le gona o a ikomosa a re: “Ahee! Ke orile, ke utlwile bolelo.” 17 Mme kota e e setseng a dire modimo ka yona, modimo wa seseto wa gagwe; a khubame fa pele ga ona, a o obamele, a o rapele a re: “Mpholose, gonne o modimo wa me!” 18 Ga ba itse sepe, ga ba lemoge sepe; gonne matlho a bona a thibilwe gore ba se ka ba bona; dipelo tsa bone di thatafaditswe gore ba se ka ba tlhalefa. 19 Ga ba akanye ka pelo; ga go na kitso, le fa e le tlhaloganyo, gore ba ipotse ba re: “Ntlhanngwe ya tsona ke di fisitse ka molelo; le gona ke apeile bogobe, ka besa nama mo magaleng a ona, ka ja. Jaanong a nka dira ntlhanngwe ya tsona maila, ka khubama fa pele ga kota ya setlhare?” 20 Yo o ineelang molora o timeditswe ke pelo e e tsietsegileng; ga a nke a pholosa mowa wa gagwe; ga a botse gore: “A ga go na maaka mo seatleng sa me se se jang?” Morena ke Motlhodi le Mopholosi 21 “Gakologelwa dilo tse, wena Jakobe, le wena Iseraele, gonne o motlhanka wa me. Ke go bopile. O motlhanka wa me. Iseraele, ga ke go lebale! 22 Ke phimotse maleo a gago jaaka maru le dibe tsa gago jaaka mouwane. Boela kwa go nna, gonne ke go golotse!” 23 Duduetsang, lona magodimo, gonne Morena o dirile jalo; tlhabang mokgosi, lona madiba a lefatshe! A go ipele dithaba le sekgwa le ditlhare tsotlhe tse di mo go sona! Gonne Morena o rekolotse Jakobe; o tla ikgalaletsa mo go Iseraele. 24 Morena, Mogolodi wa gago, yo o go bopileng go tswa mo mmeleng wa ga mmaago, o bua jaana a re: “Ke nna Morena yo o dirileng dilo tsotlhe. Ka phutholola legodimo ke le nosi. Ka ala lefatshe – yo o neng a na le nna ke mang? 25 Ke nna yo ke nyeletsang ditshupo tsa baporofeti ba tsietso, ke dira baitseanape ditlaela; ke nna ke busetsang matlhale kwa morago, ke fetola kitso ya ona bosilo fela. 26 Ke nna yo ke dirafatsang lefoko la motlhanka wa me, ke fetsa maikaelelo a a begilweng ke barongwi ba me, ke raya Jerusalema ke re: ‘Agiwa!’ le metse ya Juta, ke re: ‘Agiwang!’ Ke nna ke tsosang marope a teng. 27 Ke nna yo ke rayang boteng jwa Ferathe ke re: ‘Kgala! Ke tla kgadisa dinoka tsa gago.’ 28 Ke nna ke buang ka ga Korese ke re: ‘Ke modisa wa me. O tla fetsa tsotlhe tse di nkgatlhang,’ a raya Jerusalema a re: ‘Agiwa!’ A raya Tempele a re: ‘Thaiwa!’ ” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa