Yesaye 43 - Setswana 1970Modimo o tla golola batho ba ona, o ba itshwarela 1 Mme jaanong Morena yo o go tlhodileng, Jakobe, yo o go bopileng, Iseraele, o bua jaana a re: “Se boife, gonne ke go golotse, ke go biditse ka leina la gago! O wa me. 2 Fa o tshela metsi, ke na nao; le dinoka, ga di na go go tsaya. Fa o ralala molelo, ga o nke o šwa; kgabo ga e nke e go fisa. 3 Gonne nna Morena ke Modimo wa gago; nna Moitshepi wa Iseraele ke mopholosi wa gago. Ke dirile Egepeto serekololo sa gago, ka ntsha Ethiopia le Seba boemong jwa gago. 4 E re ka o kaega segolo mo matlhong a me, o le yo o tlotlegang, yo ke go ratang, ka moo ke tla ntsha batho boemong jwa gago le merafe boemong jwa bophelo jwa gago. 5 Se boife, gonne ke na nao. “Ke tla tlisa losika lwa gago go tswa kwa botlhabatsatsi; ke go phutha go tswa kwa bophirimatsatsi. 6 Ke tla raya bokone ke re: ‘Rebola!’ le borwa ke re: ‘Se thibele!’ Tlisa bomorwaake go tswa kgakala le bomorwadiake go tswa bokhutlong jwa lefatshe, 7 e bong mongwe le mongwe yo o bidiwang ka leina la me, yo ke mo tlholetseng go nkgalaletsa; ka mmopa, ee, ka mo dira. 8 “Ntshang morafe o o foufetseng, le fa matlho a le teng; le ba ba disusu, le fa ba na le ditsebe. 9 A ditšhaba tsotlhe di phuthege mmogo, a merafe e kgobokane! Ke mang mo go bone yo o ka re begelang tseo? A ba re utlwise dilo tsa kgale! A ba ntshe basupi ba bone gore ba fitlhelwe ba le mo nneteng. A bone ba utlwe, ba bue ba re: ‘Ke nnete.’ ” Baiseraele ke basupi ba Morena 10 Morena o bua a re: “Lona lo basupi ba me, le motlhanka wa me, yo ke mo itlhaoletseng, gore lo itse, lo ntumele, lo lemoge, fa e le nna. Ga go a bopiwa modimo ope pele ga me; le gona ga go nke go nna ope morago ga me. 11 “Ke nna, ke nna Morena! Ga go na mopholosi ope kwa ntle ga me. 12 Ke nna yo ke begileng, ka pholosa, ka utlwatsa, go se na modimo o sele mo go lona.” Morena o buile a re: “Lona lo basupi ba me, mme nna ke Modimo go tswa bosenatshimologo. 13 Le go tswa fano e tla bo e le nna, go se na ope yo o ka pholosang mo seatleng sa me. Ke tla dira tiro – e ka thibelwa ke mang?” Phologo ya Baiseraele kwa Babele 14 Morena, Mogolodi wa lona, Moitshepi wa Iseraele, o bua jaana a re: “Ke rometse kwa Babele ka ntlha ya lona, mme ke tla folosetsa batshabi botlhe, e leng Bakalatea, kwa mekorong e ba neng ba duduetsa mo go yona. 15 Ke nna Morena, Moitshepi wa lona, yo o tlhodileng Iseraele, ke Kgosi ya lona.” 16 Go bua jaana Morena yo o neng a ntsha tsela mo lewatleng le mmila mo metsing a magolo; 17 yo o neng a bolotsa dikoloi tsa ntwa le dipitse le lesomo la batlhabani le diganka – ba namaletse fa fatshe botlhe, ga ba nke ba tlhola ba tsoga; ba fedile, ba timile jaaka mogala wa lobone – a re: 18 “Se gakologelweng ditirafalo tsa bogologolo! Se tlhokomeleng tse di neng di dirafala kgale! 19 Bonang, ke tla dira tse dintšhwa. Di setse di simologile. A ga lo di lemoge? Ee, ke tla dira tsela mo sekakeng le dinoka mo nageng e e omeletseng. 20 Diphedi tsa naga di tla ntlotla le diphokojwe le bontšhwe; gonne ke tla ntsha metsi mo sekakeng le dinoka mo nageng e e omeletseng go nosa morafe wa me o ke o itlhaoletseng; 21 e leng morafe o ke o ipopetseng gore ba bolele pako ya me. Boitshwarelo ke eng? 22 “Kana wena, Jakobe, ga o a ka wa mpitsa! Kana wena, Iseraele, ga o a ka wa itapisa ka ntlha ya me! 23 Ga o a ntlisetsa dinku tsa ditlhabelo tsa gago tse di fisiwang; ga o a ntlotla ka ditlhabelo tse di jewang tsa gago. Ga ke a go imetsa ka go batla ditshupelo tsa dijo; ga ke a go lapisa ka go batla tshupelo ya musi. 24 Ga o a nthekela letlhaka le le nkgang monate ka madi; ga o a nkgorisa ka mafura a ditlhabelo tsa gago! Nnyaya! O ntshwarisitse makete fela ka maleo a gago, wa ntapisa ka melato ya gago. 25 Ke nna, ke nna yo ke phimolang dibe tsa gago; ke ka ntlha ya me, fa ke sa tsotelele maleo a gago. 26 Nkgakolola, a re sekisanye; bolela o itshupe, fa o le mosiami. 27 Rraago wa ntlha o leofile; baemedi ba gago ba ikepile mo go nna. 28 Ke ka moo ke itshepolotseng dikgosana tse di boitshepo, ka neela Jakobe mo khutsong ya go latlhega, le Iseraele mo dikgobong. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa