Yesaye 41 - Setswana 1970Modimo o tla thusa Baiseraele ka kgosi Korese 1 Lona ditlhakatlhake, ntheetseng ka tidimalo; lona merafe, a thata ya lona e ntšhwafale! A ba atamele, ba fete ba bue! A re tseneng mmogo mo tshekong! 2 Ke mang yo o mo tsositseng kwa botlhabatsatsi yo o bonang phenyo gongwe le gongwe fa a gatang teng? Ke mang yo o mo neelang ditšhaba gore a gatake dikgosi? Ke mang yo o ba neelang mo tšhakeng ya gagwe gore ba tshwane le lerole, le mo boreng jwa gagwe gore ba tshwane le moko o o gogolwang? 3 O a ba leleka, a fetela pele, a sa kgorelediwe ke ope; ga a ame tsela ka dinao tsa gagwe. 4 Ke mang yo o ikaeletseng tseo, a ba a di dirafatsa? Ke yo o bitsang ditshika tsa batho go tswa tshimologong; ke nna Morena ke le wa ntlha; le mo go ba bofelo e ntse e le nna. 5 E rile ditlhakatlhake di bona tseo, tsa boifa; dikhutlo tsa lefatshe tsa roroma, tsa atamela, tsa tla. 6 Ba a thusanya, ba a raana ba re: “Tiang!” 7 Mmetli a nametsa yo o batolang mo sethulelong a re: “Se re se lomantseng ke se se molemo.” A feta a se kokotela ka dimapo gore se se ka sa reketla. 8 “Mme wena Iseraele, motlhanka wa me; wena Jakobe, yo ke go itlhaoletseng; losika lwa ga Aborahame, tsala ya me; 9 wena yo ke go tsereng kwa makhutlong a lefatshe, ka go bitsa go tswa kwa thoko ga lone, ka go raya ka re: ‘O motlhanka wa me!’ Ke go itlhaoletse, ga ke a go nyatsa. 10 Se boife, gonne ke na nao! Se tlalelwe, gonne ke Modimo wa gago! Ke a go tiisa, ee, ke a go thusa, ee, ke go tshegeditse ka letsogo la me le le jang le le pholosang. 11 Bona, botlhe ba ba go gakaletseng ba tla tlhajwa ke ditlhong, ba nyatsega; banna ba ba lwang nao ba tla nyelela, ba latlhega. 12 O tla batla banna ba ba lwang nao, mme ga o no o ba bona; banna ba ba tlhabanang nao ba tla fela, ba fetoga lefelafela. 13 Gonne nna Morena ke Modimo wa gago; ke go tshwara letsogong le le jang, ke go raya ke re: ‘Se boife, ke a go thusa!’ ” 14 Se boife, wena sebokwana sa Jakobe, le wena morafenyana wa Iseraele! Morena a re: “Ke a go thusa. Mogolodi wa gago ke Moitshepi wa Iseraele. 15 Bona, ke go dira sephothi se sešwa se se bogale se se meno a mantsi; o tla photha dithaba, o di sila, o fetola meboto moko. 16 O tla di fefera; phefo e tla di gogola, ledimo le di phatlalatsa, mme wena o tla dudueletsa Morena, o itumisa ka Moitshepi wa Iseraele. 17 “Babogisegi le bahumanegi ba batla metsi, mme ba a tlhoka; diteme tsa bone di omeletse ka lenyora: Ke nna Morena ke tla ba utlwang; nna Modimo wa Iseraele, ga nkitla ke ba tlogela. 18 Ke tla phunya dinoka mo dithoteng tse di iphotlhereng le didiba mo maboeng; sekaka ke tla se dira letsha la metsi, le naga e e omileng e tla tswa metswedi. 19 Ke tla tlhoma mesetere le meoka le metlhakolane le metlhware mo sekakeng; ke jwala mmogo ditlhare tsa mesiperese le tsa palatane le tsa paina mo leboeng, 20 gore botlhe ba bone, ba itse, ba ele tlhoko, ba tlhaloganye, fa e le seatla sa Morena se se dirileng jalo; fa e le Moitshepi wa Iseraele yo o di tlhodileng. Phadisanyo ya Modimo le medimo 21 “Lona medimo, tlisang kgang ya lona!” Morena o bua jalo. “Atametsang mabaka a a thata a lona!” Kgosi ya ga Jakobe e bua jalo. 22 “A e atamele, e re itsise tse di tla dirafalang! Re itsiseng tse di dirafetseng mo metlheng ya pele gore ke tse dife, gore re di ele tlhoko, re itse bokhutlo jwa tsona. Gongwe re utlwiseng tse di tla dirafalang. 23 Re itsiseng tse di tla dirafalang kwa pele, gore re tle re itse fa lo le medimo! Ee, dirang tiro e le nngwe fela, e e molemo le fa e le e e bosula, gore re gakgamale, re e bone rotlhe. 24 Bonang, lona ga lo ba sepe; le tiro ya lona ga se ya sepe. Yo o lo itlhaolelang o maila. 25 “Mme nna ke tsositse kwa bokone yo o tsileng, le kwa botlhabatsatsi yo o tla rapelang leina la me gore a gatake barena ba bagolo jaaka mmopa le jaaka mmopi a duba letsopa. 26 Ke mang yo o itsisitseng jalo go tswa mo tshimologong gore re tle re itse; le go tswa kgale gore re tle re bue re re: ‘O mo nneteng’? Kana, go ne go se ope yo o itsiseng, go se ope yo o utlwisang, go se ope yo o utlwang mafoko a lona! 27 Ke nna wa ntlha ke itsisitseng Sione jalo ka re, ke tseo; ka naya Jerusalema motlhaba-mokgosi wa boitumelo. 28 Mme ya re ke leba tikologong, ga bo go se ope le mo go bale; mme go se na bagakolodi ba nka ba botsang gore ba mpusetse karabo. 29 Bonang, botlhe ba boithamako fela, ditiro tsa bone ga se tsa sepe; medimo ya diseto ya bone ke phefo fela, ke ya lefelafela.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa