Yesaye 40 - Setswana 1970Kgomotso ya Modimo o o leng mogolo go gaisa medimo yotlhe 1 “Gomotsang, gomotsang morafe wa me!” Modimo wa lona o buile jalo. 2 “Buang le Jerusalema tse di nametsang pelo, lo mo tlhabele mokgosi o o reng: Botshwaro jwa gagwe bo fedile; molato wa gagwe o itshwaretswe; o amogetse gabedi mo seatleng sa Morena ka ntlha ya maleo otlhe a gagwe.” 3 Lentswe la yo o bitsang la re: “Baakanyang tsela ya Morena mo nageng, lo siamisetse Modimo wa rona tsela e kgolo mo sekakeng! 4 A dikhuti tsotlhe di katelwe! A dithaba tsotlhe le dithabana di kokobele! A naga e e magwata e rethefale! A mebotwana e nne leboa. 5 Foo kgalalelo ya Morena e tla bonala, e bonwa ke batho botlhe mmogo. Gonne molomo wa Morena o buile jalo.” 6 Lentswe la re: “Goa!” Ka re: “Ke goe eng?” Goa o re: “Batho botlhe ke bojang. Bontle jotlhe jwa bone bo tshwana le sethunya sa naga! 7 Bojang bo a omelela, sethunya se swabe, fa mowa wa Morena o di budula. Ka nnete, morafe ke bojang. 8 Bojang bo a omelela, sethunya se swabe. Mme Lefoko la Modimo wa rona lone le tlhomame ka bosakhutleng.” 9 Sione, motlhaba-mokgosi wa boitumelo, palama mo thabeng e e godimo; Jerusalema, motlhaba-mokgosi wa boitumelo, tlhatlosa lentswe ka thata, o le tsholetse, o se boife, o ree metse ya Juta o re: “Bonang, Modimo wa lona ke o!” 10 Bonang, Morena Modimo o e tla a le thata; letsogo la gagwe le a busa. Bonang, o na le tuelo ya gagwe; papadi ya gagwe e mo etelela pele. 11 O fudisa letsomane la gagwe jaaka modisa; o phutha dikwana ka letsogo, a di tshola mo sehubeng, a iketlisa tse di amusang. Modimo ke a le mongwe fela 12 Ke mang yo o lekanyang metsi a lewatle ka khuti ya seatla sa gagwe, a lekanya legodimo ka boatlhamo jwa seatla? Ke mang yo o ka tsholang mmu otlhe wa lefatshe mo tlatlaneng, a lekanya dithaba ka sekale, le dithota ka seelo? 13 Ke mang yo o fokisang Mowa wa Morena? Ke mang yo o ka mo rutang, a nna mogakolodi wa gagwe? 14 O gakololanye le mang gore a mo tlhaloganyetse, a mo rute tsela ya tshiamo, a mo rute kitso, a mo supetse tsela ya ditemogo? 15 Bonang, ditšhaba tsotlhe di tshwana le lerothodi le le mo segelelong; di kaiwa lerojana fela le le mo selekanyetsong. Bonang, o kuka ditlhakatlhake jaaka mmunyana. 16 Dikgong tsa Lebanone ga di a lekana go gotsa molelo; diphologolo tsa gagwe ga di a lekana setlhabelo. 17 Ditšhaba tsotlhe e kete ga se sepe fa pele ga gagwe. O di kaya lefelafela, ga a di kaye sepe. 18 Jaanong lo ka tshwantshanya Modimo le mang? Lo tla bapisa setshwano sefe nao? 19 Setswerere se bopa modimo wa seseto, mothudi o o manega gouta, a o direla dikeetane tsa selefera. 20 Motlhoki yo o palelwang ke tirelo-modimo e e ntseng jalo o itlhophela setlhare se se sa boleng, a ipatlela setswerere se se maatlametlo gore se betle modimo wa seseto o o sa reketleng. 21 A ga lo itse? A ga lo ise lo utlwe? A ga lo a itsisiwe go tswa tshimologong? A ga lo a tlhaloganya go tswa tlholegong ya lefatshe? 22 Ke ene yo o dutseng a okame tikologo ya lefatshe – baagi ba lone ba tshwana le tsie fela – yo o phuthololang legodimo jaaka lesire, a le tsharolola jaaka tente e ba nnang mo go yona. 23 O nyeletsa barena, a fetole baatlhodi ba lefatshe lefelafela. 24 E a re ba tlhongwa, e re ba jwalwa, e re ka nako kutu tsa bone di namelang medi mo fatsheng, a ba budule, ba be ba omelele, mme ledimo le ba gogole jaaka moko. 25 “Jaanong he, lo tla ntshwantshanya le mang, yo ke tshwanang nae?” Moitshepi o botsa jalo. 26 Tsholetsang matlho, lo lelale! Ke mang yo o tlhodileng dilo tsele? Ke ene yo o bolotsang lesomo la tsona ka palo, a di bitsa tsotlhe ka maina. E re ka a na le thata e kgolo, ka e le senatla se se nonofileng, ga go tlhokafale sepe sa tsona. 27 Jaanong ke ka ntlha ya eng, fa o bua, Jakobe, wena Iseraele o bolela o re: “Tsela ya me e fitlhegetse Morena, tshiamelo ya me ga e tlhokomelwe ke Modimo wa me”? 28 A o ne o sa itse, gongwe a ga o ise o utlwe, fa Morena e le Modimo o o sa khutleng, o o tlhodileng makhutlo a lefatshe? Ga a lape, ga a felelwe ke thata; tlhaloganyo ya gagwe ga e tlhotlhomisiwe. 29 O naya yo o lapileng thata, a ntsifaletsa yo o bokoa nonofo. 30 Makau a a lapa, a felelwa ke thata; bagale ba a kgotšwa, ba a wa. 31 Mme ba ba lebeletseng Morena ba ntse ba fiwa thata e ntšhwa; ba tla tlhatloga ka diphuka jaaka bontsu; ba tla taboga, ba sa lape; ba tsamaya, ba sa fele thata. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa