Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yesaye 4 - Setswana 1970

1 Ka letsatsi leo basadi ba supa ba tla tshwara monna a le mongwe ba re: “Re tla ja dijo tsa rona, re apara diaparo tsa rona, fela a re ke re bidiwe ka leina la gago gore o tlose kgobo ya rona.”


Ka ga pholoso e e latelang petso

2 Ka sebaka seo letlhogela la Morena e tla nna mokgabo le kgalalelo; leungo la lefatshe e tla nna bogolo le bontle jwa Baiseraele ba ba falotseng.

3 Jaanong masalela a a mo go Sione le ba ba setseng mo Jerusalema ba tla bidiwa baitshepi, e leng mongwe le mongwe wa Jerusalema yo o kwadilweng gore a tle a bone bophelo;

4 fa Morena a sena go tlhapisa bomorwadia Sione maswe le go gogola melato ya madi ya Jerusalema le go e tlosa teng ka Mowa wa tshekiso le ka Mowa wa nyeletso.

5 Morena o tla dira leru le musi motshegare, le phatsimo ya molelo o o tukang bosigo godimo ga dikago tsotlhe tsa thaba ya Sione le godimo ga diphuthego tsa yona. Gonne tshireletso e tla nna teng godimo ga tsotlhe tse di galalelang.

6 Moriti wa leobo o tla nna teng motshegare wa go tshaba mogote wa letsatsi le wa go tshabela teng le go itshireletsa teng mo sefakong le mo puleng.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan