Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yesaye 39 - Setswana 1970


Barongwi ba kgosi ya Babele ba kwa Jerusalema
( 2 Dikg. 20:12-19 )

1 E rile ka sebaka seo Merotage-Balatane, morwa Balatane, kgosi ya Babele, a romela dikwalo le dineo kwa go Hesekia; gonne o ne a utlwile, fa a ne a lwala, a ba a fola gape.

2 Mme Hesekia a itumelela barongwi, a ba bontsha ntlo ya mahumo a gagwe, e bong selefera le gouta le tse di nkgang monate le lookwane lo lo molemo le ntlo yotlhe ya marumo a gagwe le dilo tsotlhe tse di leng teng mo mahumong a gagwe, mme go se na sepe mo ntlong ya ga Hesekia le mo pusong yotlhe ya gagwe se a se kang a se ba supetsa.

3 Ke fa moporofeti Jesaya a tla kwa go kgosi Hesekia, a mmotsa a re: “Ba reng banna ba? Ba tlile kwa go wena, ba tswa kae?” Hesekia a araba a re: “Ba tlile kwa go nna ba tswa kwa lefatsheng le le kgakala la Babele.”

4 A ba a botsa re: “Ba bonye eng mo ntlong ya gago?” Hesekia a araba a re: “Ba bonye tsotlhe tse di mo ntlong ya me. Ga go na sepe mo mahumong a me se ke sa se ba bontshang.”

5 Ke fa Jesaya a raya Hesekia a re: “Utlwa lefoko la Morena wa masomosomo:

6 ‘Bona, malatsi a tla tla, mogang tsotlhe tse di mo ntlong ya gago le tse borraago ba di phuthileng go fitlha kajeno di isiwang kwa Babele, go sa tlogelwe sepe, go bua Morena.

7 Mme ba tla tsaya bangwe ba bana ba gago, ba ba tla tswang mo go wena, ba o tla ba tsalang, mme e tla nna batlhanka mo ntlong ya borena ya kgosi ya Babele.’ ”

8 Ke fa Hesekia a raya Jesaya a re: “Lefoko la Morena le o le buileng le molemo.” A ba a re: “Kana, go tla nna kagiso le boikanyego mo malatsing a me.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan