Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yesaye 36 - Setswana 1970


Saneheribe o batla go lwa le Jerusalema
( 2 Dikg. 18:13-27 ; 2 Ditiraf. 32:1-19 )

1 E rile ka ngwaga wa 14 wa kgosi Hesekia, Saneheribe, kgosi ya Asiria, a bololela metse yotlhe e e femetsweng ya Juta, a e thopa.

2 Ke fa kgosi ya Asiria e roma mothoki yo mogolo kwa go kgosi Hesekia kwa Jerusalema, a na le mephato e megolo ya batlhabani, a tswa kwa Lagiše; a tla a ema fa moseleng wa letsha le le kwa godimo fa tseleng ya tshimo ya motlhatswi wa masela.

3 Ke fa Eliakime, morwa Hilekia, yo e leng mookamedi wa lelapa la kgosi, le Sebena, mokwaledi, le Joa morwa Asafe, seatla sa kgosi, ba tswela kwa go ene.

4 Mme mothoki yo mogolo a ba raya a re: “A ko lo bolelele Hesekia lo re: ‘Kgosi e kgolo, kgosi ya Asiria, e bua jaana e a re: Ke eng se o se ikanyang se se ikanyegang?

5 A wena o a re, go bua mafoko fela ke one maano le thata ya ntwa? Jaanong he, o ikanya mang, fa o ntsogetse?

6 Bona he, o ikanya seikokotlelo seo sa lotlhaka lo lo pšhwetlegileng sa Egepeto, lo e ka reng fa motho a ikaega ka lone, lwa mo tsena mo seatleng, lwa se phunya: Farao, kgosi ya Egepeto, o direla botlhe jalo ba ba mo ikanyang.

7 Mme fa o ka nthaya o a re: Re ikanya Morena, Modimo wa rona. A ga se ona o Hesekia o tlositseng dithota tsa ditlhabelo tsa ona le dialetare tsa ona, a raya Juta le Jerusalema a re: Obamelang fela fa pele ga aletare e?

8 Mme jaanong, a ko o dire peelano le morena wa me, kgosi ya Asiria: Ke tla go naya dipitse di le kete tse pedi, fa o kgona go ntsha bapalami ba tsona.

9 Mme o ka leleka jang batlhasedi ba molaodi a le mongwe fela wa batlhanka ba ba botlana ba morena wa me? Kampo a o ikanya Egepeto ka ntlha ya dikoloi tsa ntwa le ka ntlha ya bapalami ba dipitse?

10 Mme jaanong a o a re ke bololetse go senya lefatshe leno ke sa laelwa ke Morena? Nnyaya! Morena o ntheile a re: Bololela lefatshe leo, o le senye!’ ”

11 Ke fa Eliakime le Sebena le Joa ba raya mothoki yo mogolo ba re: “A ko o bue le batlhanka ba gago ka Sesiria, gonne re a se utlwa. Se bue le rona ka Sejuta mo ditsebeng tsa batho ba ba mo loboteng.”

12 Mme mothoki yo mogolo a fetola a re: “A morena wa me o nthomile kwa moreneng wa gago le kwano go wena go bua mafoko a? A ga a nthoma kwa banneng ba ba ntseng mo loboteng gore ba je mantle a bone, ba nwe moroto wa bone mmogo le bona?”

13 Mothoki yo mogolo a ba a ema fa gaufi, a kua ka kodu e e kwa godimo ka Sejuta a re: “Utlwang mafoko a kgosi e kgolo, a kgosi ya Asiria!

14 Kgosi e buile jaana ya re: ‘A Hesekia a se ka a lo tsietsa! Gonne ga a kgone go lo pholosa.

15 Le gona a Hesekia a se ka a lo ikanyisa Morena ka go re: Ruri, Morena o tla re pholosa. Motse o ga o nke o neelwa mo seatleng sa kgosi ya Asiria.

16 Lo se ka lwa utlwa Hesekia! Gonne kgosi ya Asiria e bua jaana e a re: Agisanyang le nna, lo tswele kwano go nna. Foo mongwe le mongwe wa lona o tla ja moweine wa gagwe le mofeie wa gagwe le go nwa metsi a sediba se gagwe;

17 go ya go fitlhela ke tle ke lo tseele kwa lefatsheng le le tshwanang le la lona, kwa lefatsheng la mabele le matute a moweine, kwa lefatsheng la bogobe le masimo a moweine.

18 A Hesekia a se ka a lo aketsa a lo raya a re: Morena o tla re pholosa! A mongwe wa medimo ya ditšhaba o kile wa pholosa lefatshe la ona mo seatleng sa kgosi ya Asiria?

19 E kae medimo ya Hamathe le ya Arephate? E kae medimo ya Sefarwaime? A e ne ya golola Samaria mo seatleng sa me?

20 Ke efe medimo mo medimong yotlhe ya mafatshe e e kileng ya pholosa mafatshe a yona mo seatleng sa me, fa lo re, Morena o tla pholosa Jerusalema mo seatleng sa me?’ ”

21 Mme ba didimala fela, ba se ka ba mo fetola ka lefoko lepe. Gonne taelo ya kgosi e ne e re: “Lo se ka lwa mo araba!”

22 Ke fa Eliakime, morwa Hilekia, yo e leng mookamedi wa lelapa la kgosi, le Sebena, mokwaledi, le Joa morwa Asafe, letsogo la kgosi, ba tla kwa go Hesekia, ba ikgagotse diaparo, ba mo itsise mafoko a mothoki yo mogolo.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan