Yesaye 35 - Setswana 1970Kgalalelo ya morafe wa Modimo ba sena go itshokela dipogiso 1 A sekaka se itumele le naga e e omeletseng! A leboa le duduetse, le thunye jaaka sešeše! 2 Ee, le tla thunya, le duduetsa. Le gona le tla ipela, le duduetsa. Le filwe kgalalelo ya Lebanone le bontle jwa Karemele le jwa Sarone. Bone bale ba tla bona kgalalelo ya Morena le bontle jwa Modimo wa rona. 3 Nonotshang diatla tse di repileng! Tiisang mangwele a a kgwetlhang! 4 Rayang ba ba pelo-di-boi lo re: “Gomotsegang, se boifeng! Bonang, Modimo wa lona ke ole. O e tla go busolosa. Tefetso ya Modimo e e tla. O e tla ka osi, o tla re thusa.” 5 Foo matlho a difofu a tla foufologa, ditsebe tsa disusu di tla kabologa. 6 Foo ditlhotsi di tla tlola jaaka tshephe. Loleme lwa semumu lo tla duduetsa. Metsi a tla phunyega mo sekakeng, dinoka di ela mo nageng e e omeletseng. 7 Motlhaba o o fisang o tla fetoga letsha. Naga e e omeletseng e tla fetoga metswedi ya metsi. Mo felong fa diphokojwe di neng di robala teng go tla nna motlhaka le motlhatlha. 8 Go tla nna mmila o mogolo teng le tsela e e bidiwang tsela e e boitshepo. Ga e na go gatwa ke ope yo o kgotlelegileng. Ke ya bone ba ba tsamayang mo go yona; mme le fa e le masilo, ga a nke a timela. 9 Go tla bo go se na tau teng; dibata tse di garolang, ga di kitla di e gata, le e seng go fitlhelwa teng, mme ba ba pholositsweng ba tsamaya mo go yona. 10 Ba ba rekolotsweng ba Morena ba tla boa, ba fitlha mo Sione ka tuduetso. Boitumelo jo bo sa khutleng bo tla okama ditlhogo tsa bone. Ba tla nna mo boitumelelong le mo lethabong. Bohutsana le diphegelo di tla tshabela kgakala. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa