Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yesaye 34 - Setswana 1970


Kotlo ya Etomo

1 Lona ditšhaba, atamelang lo utlwe; lona merafe, tlhokomelang! A go utlwe lefatshe le tse di tletseng mo go lone; a go utlwe naga le tsotlhe tse di melang mo go yona!

2 Gonne Morena o bogale le ditšhaba tse tsotlhe; o galefetse masomo otlhe a tsona; o a hutsitse, a a neela mo polaong.

3 Babolawi ba tsona ba latlhwa fela. Direpa tsa bone di tlhatlosa sebodu sa tsona. Dithaba di ela madi a bona.

4 Masomo otlhe a legodimo a tla nyelela. Legodimo le menwa jaaka lokwalo. Masomo otlhe a lone a swaba jaaka go swaba matlhare a moweine, jaaka matlhare a feie a tlhotlhorega mo setlhareng.

5 Bonang, e tla re fa tšhaka ya me e gaketse kwa legodimong, e wele mo go Etomo, mo morafeng o ke o hutsitseng gore e dirafatse katlholo.

6 Tšhaka ya Morena e tletse madi, e tlhamuketse mafura le madi a dikwana le a diphoko le mafura a diphilo tsa diphelehu. Gonne Morena o na le setlhabelo kwa Bosera le polao e kgolo kwa lefatsheng la Etomo.

7 Mme dinare di tla wa natso mmogo le dipholo le dipoo. Lefatshe la bone le tla kgora madi. Naga ya bone e tla nontshiwa ka mafura.

8 Gonne Morena o beile letsatsi la pusoloso le ngwaga wa tefetso, e le go atlholela Sione.

9 Dinoka tsa gagwe di fetoga boka, mmu wa gagwe o fetoga sebabole. Lefatshe la gagwe e tla nna boka jo bo tukang;

10 jo bo sa timeng bosigo le motshegare. Musi wa teng o ntse o tlhatloga ka go sa feleng. E tla nna sekaka mo ditshikeng tsotlhe, go se yo o le ralalang ka metlha le metlha.

11 Sefudi le setlhong di tla le rua. Morubisi le legakabe di tla nna mo go lone. Mme Morena o tla gagamatsa mogala o o lekanyang le wa serophiso mo go lone, e le go le tobekanya le go le fetola sekaka.

12 Batlotlegi ba lone – ga go na bogosi teng jo ba ka bo tlhabelang mokgosi. Dikgosana tsotlhe tsa lone di nyeletse.

13 Mitlwa e tla tlhoga mo matlong a borena a lone. Bogopa le tshetlho di tla mela mo dikagong tsa phemelo tsa lone. E tla nna meago ya diphokojwe le lesaka la bontšhwe.

14 Dibatana tsa sekaka di tla kgatlhana le diphiri teng. Didimo tsa sekaka di tla kopana gona. Ee, ke teng foo fela kwa sepoko sa bosigo se nnang teng, se iponela boikhutso.

15 Mokopa o na le mosima teng, o tsala mae, o a elama, o a thuthusa mo moriting wa ona. Ee, manong a tla kgobokana teng; lengwe le lengwe le kopana le selekane sa lone.

16 Tlhotlhomisang mo lekwalong la Morena lo buise: Ga go tlhokafale sepe sa dilo tse. Ga go sephedi sepe se se tlhokang selekane sa sona. Gonne molomo wa me ke ona o o laotseng jalo. Mowa wa gagwe ona o phuthile.

17 Ene ka esi o di tlhametse tengwa, seatla sa gagwe sa di abela lefatshe la Etomo ka mogala o o lekanyang. Di tla le rua ka go sa feleng, di nna mo go lone mo ditshikeng tsotlhe.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan