Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yesaye 32 - Setswana 1970


Puso ya ga Keresete

1 Bonang, kgosi e tla busa ka molao; dikgosana di tla laola ka tshiamo.

2 Mme mongwe le mongwe o tla nna jaaka botshabelo mo ledimong, le jaaka leobo mo puleng, le jaaka dinoka tsa metsi mo nageng e e omeletseng, le jaaka moriti wa lefika le legolo mo nageng ya lenyora.

3 Matlho a baboni ga a kitla a tlhola a fatlhega. Ditsebe tsa bautlwi di tla utlwelela.

4 Dipelo tsa ba ba makgakga di tla tlhaloganya kitso. Diteme tsa ba ba koakoetsang di tla bua sentle ka thanolo.

5 Lesilo ga le nke le tlhola le bidiwa letlhale. Molotsana ga a nke a bidiwa motlotlegi.

6 Gonne lesilo le bua bosilo. Pelo ya lone e loga maano a boithamako gore le dire tsa boikepo, le ganetse Morena ka tse di sokameng, le time yo o tshwerweng ke tlala, le tlhokise yo o bolawang ke lenyora metsi.

7 Dibolai tsa molotsana di bosula. O loga maano a a sokameng gore a senyetse babogisegi ka dipolelo tsa maaka, le fa mohumanegi a bua nnete fela.

8 Mme yo o pelontle o akanya tsa bopelontle, le gona o tla nna a emela tsa bopelontle.


Katlholo le tshiamiso

9 Lona basadi ba lo iketlileng, tsogang lo utlwe lentswe la me! Lona barweetsana ba lo tlhokomologang, sekegelang mafoko a me tsebe!

10 E tla re ngwaga o sena go feta le malatsi mangwe, lo tetesele, lona ba lo sa tshwenyegeleng sepe. Gonne go fula maungo a moweine go fedile; go phutha maungo a ditlhare ga go teng.

11 Roromang, lona basadi ba lo iketlileng! Teteselang, lona barweetsana ba lo tlhokomologang! Apolang gotlhe, lo apare diaparo tsa bohutsana.

12 Itshwareng diledu lo lelele masimo a mantle le moweine o o ungwang sentle,

13 le tshimo ya morafe wa me e e tlhogang mesu le ditshetlho; ee, lo lelele matlo otlhe a boitumelo le motse o o duduetsang.

14 Gonne matlo a borena a tlogetswe, modumo wa motse o fetogile tidimalo. Thabana le serala sa ditlhodi e tla nna naga fela ka go sa feleng, fa diesele di itumelang teng, fa matsomane a fulang teng,

15 go fitlhelela rona re goromelediwe Mowa o o tswang kwa godimo. Foo sekaka se tla fetoga tshimo ya ditlhare tse di ungwang, mme tshimo ya ditlhare tse di ungwang e tla kaiwa sekgwa.

16 Mme molao o tla bo o agile mo sekakeng, tshiamo e tla nna mo tshimong ya ditlhare tse di ungwang.

17 Foo tiro ya tshiamo e tla nna kagiso; leungo la molao e tla nna boikhutso le boiketlo ka go sa feleng.

18 Morafe wa me o tla nna mo felong ga kagiso, mo matlong a a sireleditsweng, mo maikhutsong a boiketlo.

19 Mme sefako se tla na, fa sekgwa se digwa; motse o tla kokobelela fa fatshe.

20 Lo letlhogonolo, ka masimo otlhe a lona a le fa metsing, ka lo funolola maoto a kgomo le esele gore di itsamaele gongwe le gongwe.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan