Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yesaye 30 - Setswana 1970


Thuso e tswa mo Moreneng , e seng kwa Egepeto

1 Morena o buile a re: “A tatlhego wee ya ba ba matepe, ba ba logang maano, mme e se ka nna; ba tlhomamisa kgolagano, mme e se ka Mowa wa me, e le gore ba oketse boleo ka boleo;

2 ba ba yang kwa Egepeto, ba sa botsa molomo wa me, gore ba itshireletse ka phemelo ya ga Farao, ba tshabele mo moriting wa Egepeto.

3 Mme phemelo ya ga Farao e tla lo fetogela ditlhong; botshabelo mo moriting wa Egepeto bo tla lo fetogela tshilofalo.

4 Gonne le fa dikgosana tsa bone di gorogetse kwa Soane, le fa barongwi ba bone ba fitlhile kwa Hanese,

5 botlhe ba tla swaba ka ntlha ya morafe o o sa ba thuseng sepe, o o se nang pholoso, le fa e le thuso, fa e se ditlhong le kgala fela.”

6 Taelo ya Modimo ka ga Diphedi tsa Borwa: “Mo nageng ya tlalelo le pitlagano, fa go leng tau e namagadi le e tonanyana, le lebolobolo le kgwanyape e e fofang, ba isa dithoto tsa bone tse ba di belesitseng mo mekokotlong ya diesele, le mahumo a bone a ba a belesitseng mo diroteng tsa dikammele, ba di isa kwa morafeng o o sa ba thuseng sepe.

7 Thuso ya Egepeto ga se ya sepe, ke ya lefelafela. Ke ka moo ke mmiditseng: ‘Sebata se se itulelang fela.’


Baiseraele ga ba utlwe Modimo

8 “Jaanong tsamaya o kwale mafoko a mo letlapeng fa pele ga bone, o a kwale mo lokwalong gore a nne bosupi mo metlheng e e tlang ka bosakhutleng.

9 Gonne ke morafe wa moferefere, ke bana ba maaka, ke bana ba ba ganang go utlwa molao wa Morena,

10 ba ba rayang baboni ba re: ‘Lo se ka lwa bona;’ ba raya baporofeti ba re: ‘Lo se ka lwa re rerela boammaaruri! Re boleleleng tse di ka re kgatlhang; re rereleng tsa tsietso!

11 Fapogang mo tseleng, tswang mo mmileng, khutlisang go bua le rona ka ga Moitshepi wa Iseraele.’ ”

12 Ka ntlha ya tseo Moitshepi wa Iseraele o bua jaana a re: “E re ka lo latlha lefoko le, mme lo ikanya kgatelelo le tshokamo, lo ikaega ka tsona,

13 ka moo boikepo jo, bo tla nna mo go lona jaaka seripa se se sekameng mo loboteng lo lo godimo, se se batlang go wa, se go wa ga sona go dirafalang ka tshoganyetso le ka ponyo ya leitlho.

14 O tla se thubaganya jaaka nkgo ya mmopi e thubega, e e pšhwetlwang, ba sa e rekegele; e gare ga mangetana a yona go sa fitlhelweng lengeta le le lekanyeng go ka ogola molelo mo leisong ka lone, le fa e le go ga metsi mo sedibeng ka lone.”

15 Gonne Morena Modimo, Moitshepi wa Iseraele, o buile jaana a re: “Fa lo ka tlhabologa le go iketla, lo tla pholosiwa; fa lo ka didimala le go ikanya, lo tla nna thata.” Mme lo ganne,

16 lwa re: “Nnyaya! Re tla tshaba ka dipitse” – ka moo lo na le go tshaba! Lwa re: “Re tla tana dipitse tse di lebelo” – ka moo ba tla nna lebelo ba ba lo latelelang.

17 Ba le sekete ba tla tshaba ka kgalemelo ya motho a le mongwe; lo tla tshaba ka theregiso ya ba batlhano go fitlhelela lo tlogelwa jaaka kota ya sefoka e e mo godimo ga thaba le jaaka sefoka se se mo thabaneng.

18 Ke gona ka moo Morena a lo letelang gore a lo itshwarele; ke ka moo a tsogang gore a lo tlhomogele pelo. Gonne Morena ke Modimo wa tshiamo. Go tshegofaditswe botlhe ba ba solofelang mo go ene.


Modimo o tla tshegofatsa morafe wa ona

19 Ee, lona morafe o o mo Sione, lo tla aga mo Jerusalema. Ga lo nke lo tlhola lo lela. Ruri, fa a utlwa lentswe la selelo sa lona, o tla lo itshwarela; fa a se utlwa, o tla lo araba.

20 Morena o tla lo naya dijo tsa tlalelo le metsi a pitlagano, mme baruti ba lona ga ba kitla ba tlhola ba iphitlha. Matlho a lona a tla nna a bona baruti ba lona.

21 Fa lo fapogela mo ntlheng ya le le jang gongwe mo go ya la molema, ditsebe tsa lona di tla utlwa lentswe fa morago ga lona le le reng: “Tsela ke e, tsamayang mo go yona.”

22 Medimo ya diseto ya lona e e manegilweng selefera, le ya ditshwantsho tsa lona tse di bopilweng tse di manegilweng gouta, lo tla e kaya makgapha, lo e latlha jaaka maila, lo e raya lo re: “Tlogang fa!”

23 Mme dijwalo tsa lona tse lo di jwetseng mo tshimong, Morena o tla di nesetsa pula, a lo naya dijo tse di tswang mo tshimong tse di monate tsa letlotlo. Mo metlheng eo dikgomo tsa lona di tla fula mo mafulong a a atlhameng.

24 Dipholo le dieselana tse di lemang tshimo di tla ja dijo tse di lokilweng tse di tlhakantsweng, tse di olositsweng ka tlatla le ka loselo.

25 E tla re dikago tsa tlhaselo di wa mo letsatsing la polao e kgolo, go nne dinoka le dinokana tsa metsi mo dithabeng tsotlhe tse dikgolo le mo mebotong yotlhe e e godimo.

26 E tla re ka letsatsi le Morena a fapang tshenyego ya morafe wa gagwe ka lone, a fodisa dintho tse ba di ntshitsweng, lesedi la ngwedi le tshwane le lesedi la letsatsi; lesedi la letsatsi le tla oketsega gasupa jaaka lesedi la malatsi a a supa.


Modimo o tla betsa Baasiria

27 Bonang, leina la Morena le e tla, le tswa kwa kgakala; bogale jwa gagwe ke jo bo tukang, ke jo bo makete thata. Molomo wa gagwe o tletse kgalefo, loleme lwa gagwe lo tshwana le molelo o o nyeletsang.

28 Mowa o a o ntshang o tla tshwana le noka e e tlang jaaka morwalela, e e fitlhang fa molaleng gore a kgarakgatshe ditšhaba ka kgadikanyo e e di isang mo tatlhegong. Kgole e e timetsang e mo marameng a merafe.

29 Mme lo tla opela difela jaaka mo bosigong jwa go dira moletlo o o boitshepo, lo itumela ka pelo jaaka ba ba yang kwa thabeng ya Morena, kwa lefikeng la Iseraele, ba ntse ba letsa ditlhaka.

30 Morena o tla utlwatsa tumo ya maru ya borena jwa gagwe, a bonatsa go itaya ga letsogo la gagwe ka bogale jo bo tukang le ka kgabo ya molelo o o nyeletsang le ka ledimo le ka pula ya sephaphathela le ka matlapana a sefako.

31 Gonne Asiria o tla tshosiwa ke kodu ya Morena yo o mo otlang ka thupa.

32 Kotlo nngwe le nngwe ya thupa e o e atlholetsweng, e Morena a mo otlang ka yona, e tla dirafala ka meropa le diharepa, mme o tla tlhabana nabo ka letsogo le le kgadikanang.

33 Gonne felo ga phisetso go setse go baakantswe gale; le gona go baakanyeditswe kgosi; go boteng, go atlhame. Mokoa wa molelo le wa dikgong wa gona o mogolo thata. Mowa wa Morena o o tshwanang le nokana ya sebabole o tla o tshuba.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan