Yesaye 29 - Setswana 1970Jerusalema yo o bidiwang Ariele fano o tsena mo tlalelong 1 A tatlhego wee ya Ariele, Ariele, e bong motse o Dafita o neng a nna mo go ona! A dinyaga di nne di fete le meletlo e latelane! 2 Morago ga moo ke tla pitlaganya Ariele gore a tlale selelo le phegelo; ee, a nne leiso la Modimo tota mo go nna. 3 Ke tla go dikanyetsa ka ntwa, ke go pitlaganya ka ditlhodi tsa batlhabani mo ntlheng tsotlhe, ke aga dikago tsa tlhaselo mo tikologong ya gago. 4 Foo o tla kokobediwa, o bua o le mo mmung; mafoko a gago a tla utlwala kwa tlase a tswa mo leroleng; lentswe la gago le tla tswa mo fatsheng jaaka mowa wa moswi, puo ya gago e tla tswa mo leroleng ka lentswe le le kwa tlase fela. 5 Mme bontsi jwa baba ba gago bo tla nna jaaka lerole le le boleta; bontsi jwa barena ba ba setlhogo bo tla nna jaaka moko o o gogolwang. Go tla dirafala jalo ka tshoganyetso. 6 O tla lekolwa ke Morena wa masomosomo ka tumo ya maru le ka thoromo ya lefatshe le ka loratla lo logolo le ka ledimo le ka phefo le ka kgabo ya molelo o o nyeletsang. 7 Mme bontsi jwa ditšhaba tsotlhe tse di bolotseng go tlhabana le Ariele le botlhe ba ba lwang le ene le dikago tsa phemelo tsa gagwe, ba ba mo pitlaganyang, ba tla nna fela jaaka toro le pono ya bosigo. 8 Bontsi jwa ditšhaba tsotlhe tse di bolotseng go tlhabana le thaba ya Sione ba tla tshwana le yo o tshwerweng ke tlala, yo o lorang a ja, mme e re a thanya, a fitlhela a sa kgora; ba tshwana le yo o bolawang ke lenyora, yo o lorang a nwa, mme e re a thanya, a ikutlwa a sa lapile, a sa kgalegile. Baiseraele ba tlhokomologa tlhagiso 9 Tsibogang lo gakgamale! Iphatlheng lo foufale! Ba tagilwe, mme e seng ka weine; ba a thekesela, mme e seng ka bojalwa. 10 Gonne Morena o lo goromeleditse mowa wa thulametso, a lo bipa matlho, e leng baporofeti; a lo khurumetsa ditlhogo, e bong baboni. 11 Mme lo tshotse pono ya dilo tsotlhe jaaka mafoko a lokwalo lo lo kannweng, lo ba lo neelang yo o itseng go buisa ba re: “A ko o lo buise!” Mme a re: “Ga ke kgone, gonne lo kannwe.” 12 Mme fa lokwalo lo neelwa yo o sa itseng go buisa gore a tle a lo buise, o tla re: “Ga ke itse go buisa.” 13 Morena o buile a re: “E re ka batho ba, ba nkatamela ka melomo, ba ntlotla ka diteme fela, mme dipelo tsa bone di le kgakala le nna, le go mpoifa ga bone e le molao o ba o rutilweng ke batho fela: 14 Bonang, ka ntlha ya moo ke tla tswelela pele go direla morafe o ka mokgwa o o gakgamatsang gore ba gakgamale, ba tlhoke puo, mme botlhale jwa matlhale a bone bo nyelele, le tlhaloganyo ya batlhaloganyi ba bone e fitlhege.” Tsholofelo ya tshiamiso 15 A tatlhego wee ya ba ba fitlhang maikaelelo a bone kwa botennye fa pele ga Morena gore ditiro tsa bone di dirafale mo lefifing, ba ba reng: “Ke mang yo o re bonang? Ke mang yo o re itseng?” 16 Kana lo masilo jang! A mmopi o ka kaiwa e le letsopa? A setlhodiwa se ka bua ka ga motlhodi wa sona sa re: “Ga a a ntlhola!” A nkgo e ka bua ka ga mmopi wa yona e a re: “Ga a itse sepe”? 17 A ga ke re, Lebanone o tla fetoga tshimo ya ditlhare tse di ungwang; mme tshimo ya ditlhare tse di ungwang e tla kaiwa sekgwa fela, nakonyana e sena go feta? 18 Ka sebaka seo disusu di tla utlwa mafoko a lokwalo; matlho a difofu a tla bona, di dule mo bontshong le mo lefifing. 19 Babogisegi ba tla itumela gape mo Moreneng; batho ba ba humanegileng ba tla dudueletsa Moitshepi wa Iseraele. 20 Gonne ga go tlhole go le morena yo o pelompe; mosotli o nyeletse; botlhe ba ba logang maano a boikepo ba bolailwe, 21 e bong ba ba patikang batho mo tshekong, ba lalela yo o emelang tshiamo mo lekgotleng, ba diga mosiami ka pateletso. 22 Ka ntlha ya moo Morena yo o rekolotseng Aborahame o buile le ba ntlo ya ga Jakobe jaana a re: “Jakobe ga a nke a tlhola a swaba; sefatlhego sa gagwe ga se nke se tlhola se tlhajwa ke ditlhong. 23 Gonne fa bana ba ga Jakobe ba bona tiro e diatla tsa me di e dirileng mo go bone, ba tla itshepisa leina la me, ba itshepisa Moitshepi wa ga Jakobe, ba boifa Modimo wa Iseraele. 24 Ba ba timeletsweng ke tlhaloganyo ba tla bona kitso; bangongoregi ba tla amogela thuto.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa