Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yesaye 28 - Setswana 1970


Baiseraele ba Samaria ba a tlhagisiwa

1 A tatlhego wee ya serwalo sa bogosi se se ikgantshang sa matagwa a Eferaime, le ya sethunya se se swabang sa mokgabo o montle wa gagwe, se se mo thoteng ya leboa la mmu o o bogale wa ba ba tlhapetsweng ke weine.

2 Bonang, Morena o na le mongwe yo o thata, yo o nonofileng jaaka phefo ya sefako le jaaka ledimo le le senyang thata le jaaka pula e e tshololang metsi a mantsi a a penologang: Ke ene yo o tla se digelang fa fatshe ka thata.

3 Serwalo sa bogosi se se ikgantshang sa matagwa a Eferaime se tla gatakwa ka maoto.

4 Mme sethunya se se swabang sa mokgabo o montle wa gagwe, se se mo thoteng ya leboa la mmu o o bogale, se tla tshwana le feie e e butswang pele ga selemo, e e a reng motho a e bona, a e phamole ka seatla, a e metse.

5 Ka sebaka seo Morena wa masomosomo o tla nna serwalo sa bogosi se se galalelang le kgare ya mokgabo mo masaleleng a morafe wa gagwe;

6 le mowa wa tshiamo mo go ene yo o nnetseng go atlhola, le bonatla mo go bone ba ba busetsang tlhabano kwa kgorong.


Baporofeti ba Jutea ke matagwa

7 Mme ba mono le bone ba theekela ka weine, ba thekesediwa ke bojalwa. Moperesiti le moporofeti ba theekela ka bojalwa, ke digole tsa weine, ba thekesediwa ke bojalwa. Ba a thekesela, fa ba bona pono; ba theekela fa ba atlhola.

8 Ee, dipati tsotlhe tsa bojelo di tletse matlhatsa a a maswe, go se fa go pila.

9 Ba re: “O tla ruta mang kitso? O tla lemosa mang thero? A ke ba ba kgwisitsweng? A ke ba ba tlogedisitsweng mabele?

10 Gonne o oketsa molao ka molao, molao ka molao, kaelo ka kaelo, kaelo ka kaelo, bonnye fano ka bonnye fale.”

11 Ka moo Morena o tla bua le morafe o ka puo ya ba ba koakoetsang le ka loleme lo sele.

12 Kana o ba reile a re: “Boikhutso ke jo! Lapolosang ba ba lapileng. Tapoloso ke e!” Mme ba ganne go utlwa.

13 Ka moo lefoko la Morena le tla ba okeletsa molao ka molao, molao ka molao, kaelo ka kaelo, kaelo ka kaelo, bonnye fano ka bonnye fale, gore ba tsamae, ba we ka sa motlhana, ba robege, ba thaisiwe, ba tshwarwe.


Lefika la sekhutlo la Sione

14 Ka moo he, utlwang lefoko la Morena, lona basotli ba lo busang morafe o, o o mo Jerusalema.

15 E re ka lo buile lwa re: “Re dirile kgolagano le loso, re utlwanye le felo ga baswi; fa petso e tla ka thata jaaka morwalela, ga e nke e fitlha mo go rona; gonne re dirile maaka botshabelo jwa rona, re iphitlha ka tsietso.”

16 Ka ntlha ya moo Morena Modimo o bua jaana a re: “Bonang, ke thaya lentswe mo Sione, lentswe le le lekilweng, le le tlhwatlhwa e kgolo la sekhutlo, la motheo o o tlhomameng. ‘Yo o dumelang ga a tshabe.’

17 Tshiamo ke tla e dira mogala o o lekanyang, molao ke o dira tekanyo ya sekale.” Mme sefako se tla thubakanya botshabelo jwa maaka; metsi a tla kgophola maiphitlho.

18 Kgolagano e lo e dirileng le loso e tla senngwa; kutlwano e lo utlwanyeng le felo ga baswi ka yona ga e nke e tlhomama. Mme fa petso e e kgopholang e ralala, e tla lo gataka.

19 Ka nako le nako fa e ralala, e tla lo tshwara. Gonne e tla ralala mo mosong mongwe le mongwe le bosigo le motshegare. Foo go tlhaloganya thero e tla nna therego fela.

20 Gonne bolao bo bokhutshwane jo motho a palelwang ke go nama mo go jona; kobo le yona e tshesane, e tlhaela motho go robala ka yona.

21 Gonne Morena o tla bolola jaaka a kile a bolola kwa thabeng ya Pherasime, a tlhasela jaaka mo mokgatsheng wa Gibeone, gore a dire tiro ya gagwe – tiro ya gagwe ka ya seeng – a dirafatse tiro ya gagwe – tiro ya gagwe ke e sele.

22 Jaanong he, lo se tlhole lo sotla, e se re gongwe dikgole tse lo bofilweng ka tsona tsa gagamalediwa pele; gonne nyeletso e e tlhomamisitsweng e e tla welang lefatshe lotlhe, ke e begetswe ke Morena, Modimo wa masomosomo.


Botlhale jwa Modimo

23 Sekegang ditsebe, lo utlwe lentswe la me; reetsang, lo utlwe mafoko a me:

24 A molemi o ntse a lema ka metlha gore a jwale? A o ntse a lema fela le go iteela tshimo ya gagwe?

25 A ga ke re, fa a lekalekantse mmu, a jwale kumina e ntsho, a gase kumina, a jwale korong mo methalong le garase mo temeng ya yona, le lebelebele lotlhakoreng lwa tshimo?

26 Gonne Modimo wa gagwe o ne o mo supetsa tiro sentle, o e mo ruta jalo.

27 Kana kumina e ntsho ga e phothwe ka selei; maotwana a koloi ga a dikolosiwe mo kumineng. Mme kumina e ntsho e phothwa ka thobane, le kumina ka thupa.

28 A mabele a phatlolwa, fa a phothwa? Nnyaya! Kana mophothi ga a a phothele go a phatlola! Le fa a tsamaisa maotwana a koloi ya gagwe le dipitse tsa gagwe mo go ona, ga a a tšhwetlakanye.

29 Tseo le tsona di tswa mo Moreneng wa masomosomo; gonne o na le maikaelelo a a gakgamatsang, le botlhale jo bogolo.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan