Yesaye 27 - Setswana 1970Tatlhego ya magosi a lefatshe. Go pholosiwa ga Iseraele 1 Mo metlheng eo Morena o tla betsa kgwanyape, noga e e bobebe, le kgwanyape, noga e e ikgarang, ka tšhaka ya gagwe e e thata, e kgolo, e e tiileng; o tla bolaya kgogela e e fa lewatleng. 2 Mo metlheng eo ba tla re: “A tshimo e ntle ya moweine! E opeleleng! 3 Nna Morena ke a e disa, ke e nosetsa ka nako le nako; ke e disa bosigo le motshegare gore e se ka ya senngwa ke sepe. 4 Ga ke bogale! Fela fa nka fitlhela mesu le ditshetlho, ke tla di tlhasela, ke lwa le tsona, ke di fisa tsotlhe. 5 Gongwe a ba tshabele mo phemelong ya me, ba agisanye le nna, ba dire kagiso le nna!” 6 Mo malatsing a a tlang Jakobe o tla nama medi, Iseraele a thunya, a gola gore ba tlatse lefatshe maungo. 7 A Morena o mo iteile jaaka a iteile ba ba kileng ba mo itaya? Gongwe a o bolailwe jaaka babolai ba gagwe? 8 E rile o mo koba le go mo leleka ka phefo e e boitshegang ya gago e e tswang kwa botlhabatsatsi, wa mo otla ka selekanyo. 9 Ka moo ge, molato wa ga Jakobe o tla itshwarelwa, fa a ka thubaganya matlapa otlhe a dialetare jaaka go thubaganngwa mangwete a kalaka, mme medimako ya Ašera le majwe a a motloutlo a letsatsi di sa tlhole di tsosiwa. Go dira jalo e tla nna leungo lotlhe la go itshwarelwa ga gagwe. 10 Gonne motse o o neng o femetswe o osi fela ke bonno jo bo se nang motho; o tlogetswe jaaka sekaka. Dinamane di tla fula gona, di botha gona, di ja ditlhatshana tsa teng. 11 E tla re dikala tsa gona di sena go omelela, di rojwe. Basadi ba tla tla, ba gotsa molelo ka tsona. Gonne ke morafe o o se nang tlhaloganyo. Ka ntlha ya moo Modiri wa bone ga a nke a ba utlwela botlhoko; Mmopi wa bone ga a nke a ba itshwarela. 12 Mo metlheng eo Morena o tla photha mabele, a simolola kwa nokeng ya Ferathe go fitlha kwa nokaneng ya Egepeto, mme lona Baiseraele lo tla notšwa ka bongwe le bongwe. 13 E tla re ka sebaka seo ba letsa lonaka lo logolo, ba ba latlhegetseng kwa lefatsheng la Asiria le ba ba leleketsweng kwa lefatsheng la Egepeto, ba boele kwa gae, ba obamele Morena mo thabeng e e boitshepo mo Jerusalema. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa