Yesaye 26 - Setswana 1970Go bakwa Modimo o e leng Moatlhodi le Mopholosi 1 Mo metlheng eo go tla opelwa sefela mo lefatsheng la Juta se se reng: Re na le motse o o thata. Morena o beile pholoso gore e nne dithako le phemelo. 2 Bulang dikgoro gore go tsene setšhaba se se siameng se se bolokang boikanyo. 3 Yo o pelo e tlhomameng, ò tla mmoloka mo kagisong, gonne o a go ikanya. 4 Ikanyeng Morena ka gale, gonne Morena ke lefika la bosakhutleng. 5 Ee, o folositse ba ba agileng kwa godimo, eleng motse o o mo kokamong, a o diga, a o digela fa fatshe, a o usetsa mo leroleng 6 gore o gatakwe ka maoto, ka maoto a babogisegi, ka dikgato tsa ba ba sa tlotlegeng. 7 Tsela ya mosiami e mo lebaleng; ò tla baakanyetsa mosiami tselana e e tlhamaletseng. 8 Morena, re go lebeletse le mo ditseleng tsa dikatlholo tsa gago; mewa ya rona e tlhologeletswe leina la gago le tumiso ya gago. 9 Ke go tlhologeletswe bosigo ka pelo ya me, ee, ke go batla ka mowa o o mo teng ga me. Gonne fa dipetso tsa gago di tla mo lefatsheng, baagi ba lefatshe ba ka ithuta tshiamo. 10 Mme fa moikepi a itshwarelwa, ga a ithute tshiamo; o tla siamolola mo lefatsheng la tshiamo, a sa bone bogolo jwa Morena. 11 Morena, fa letsogo la gago le tsholeditswe, ga ba le bone. E tla re o tlhoafalela morafe, ba le bone, ba tlhajwe ke ditlhong; le gona molelo o o fisang baba ba gago o tla ba nyeletsa. 12 Morena, ò tla re direla kagiso, gonne ditiro tsotlhe tsa rona le tsona ò di re feleditse. 13 Morena, Modimo wa rona, barena ba bangwe ba ne ba re busa kwa ntle ga gago, mme rona re boka leina la gago le le losi fela. 14 Baswi ba bone ga ba nke ba phela; ba ba suleng ga ba nke ba rula. Ka moo o ba beditse, wa ba nyeletsa jalo, wa fedisa go ba gakologelwa gotlhe. 15 O atisitse setšhaba, Morena, o atisitse setšhaba; o ikgalaleditse, o katositse melelwane yotlhe ya lefatshe. 16 Morena, ba ne ba go batla ba le mo tlalelong; ya re o ba otla, ba rapela ba le mo pitlaganong. 17 Mosadi yo moimana, yo o gaufi le go belega, o segwa ke metlotsedi, o lela mo matlhokong a gagwe. Le rona re ne re ntse jalo fa pele ga gago, Morena. 18 Re ne re le baimana, ra segwa ke metlotsedi, mme ya re re belega, ya bo e le phefo fela, mme re sa direle lefatshe thuso epe; baagi ba lefatshe ba sa tsalwe. 19 Mme baswi ba gago ba tla phela, ditoto tsa me di tla tsoga. Ba ba agileng mo leroleng ba tla rula, ba duduetsa. Gonne monyo wa gago ke monyo wa masedi, mme lefatshe le tla ntshetsa baswi mo bophelong. Katlholo le tsoso 20 Morafe wa me, yaang lo tsene mo matlwaneng a lona, lo tswale ditswalo tsa lona fa morago ga lona, lo iphitlhe nakonyana, go tsamaya kgalefo e be e fete. 21 Gonne bonang, Morena o tla akofa a tswa mo felong ga gagwe gore a beletse baagi ba lefatshe boikepo jwa bone. Foo lefatshe le tla bipolola madi a a mo go lone, le sa tlhole le bipa ba ba bolaetsweng mo go lone. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa