Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yesaye 25 - Setswana 1970


Pako ya Morena yo o fenyang baba le go pholosa ba gagwe

1 Morena, o Modimo wa me! Ke tla go tumisa, ke baka leina la gago; gonne o dirafaditse dikgakgamatso, e leng maikaelelo a kgale a a ikanyegang a boammaaruri.

2 Gonne o fetotse motse mokoa wa matlapa; motse o o femetsweng o o fetotse marope. Matlo a borena a baikepi ga e tlhole e le motse; ga o na go agiwa gape ka bosakhutleng.

3 Ka ntlha ya moo morafe o o tiileng o tla go galaletsa; motse wa ditšhaba tse di gatelelang o tla go boifa.

4 Gonne o no o le thata ya yo o bokoa le phemelo ya mohumanegi mo tlalelong ya gagwe le botshabelo mo puleng ya matsubutsubu le moriti mo bolelong jwa letsatsi. Gonne theregiso ya barena ba ba setlhogo e tshwana le pula ya matsubutsubu mo loboteng;

5 e tshwana le bolelo jwa naga e e omeletseng. O kokobeditse modumo wa baikepi jaaka bolelo bo fokodiwa ke moriti wa leru; wa didimatsa sebôkô sa barena ba ba peloethata.


Moletlo wa merafe mo Sione

6 Morena wa masomosomo o tla etleeletsa merafe yotlhe moletlo wa dijo tse di mafura mo thabeng e; moletlo wa weine e e itshekileng, wa tse di mafura tse di tletseng moko, wa weine e e buduleng sentle.

7 Le gona mo thabeng e o tla nyeletsa lesire le le adilweng godimo ga merafe yotlhe, le kobo e ditšhaba tsotlhe di bipilweng ka yona.

8 O tla nyeletsa loso ka go sa feleng. Modimo, Morena o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe, a tlosa kgobo ya morafe wa gagwe mo lefatsheng lotlhe. Gonne Morena o buile jalo.

9 Mo metlheng eo ba tla re: “Bonang, Modimo wa rona ke oo, o re neng re solofela mo go ona gore o re pholose. Morena ke yoo, yo re neng re mo lebeletse. Jaanong a re duduetseng, re itumelele thuso ya gagwe!”


Modimo o tla betsa Moabe

10 Gonne seatla sa Morena se tla nna mo thabeng e, mme Moabe o tla gatakelwa fa fatshe mo felong ga gagwe jaaka go gatakwa dikokole mo metsing a kgatampi ya malôkô.

11 Le fa a phutholola mabogo a le mo teng jaaka mothumi a a phutholola a ntse a šapa, Morena o tla mo gatelela, le fa ene a ntse a leka go tswa, a itapisa mabogo.

12 Phemelo ya dipota tsa gagwe tse di godimo Morena o tla e diga, a e kokobetsa, a e digela fa fatshe mo leroleng.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan