Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yesaye 24 - Setswana 1970


Lefatshe le atlholelwa petso

1 Bonang, Morena o tlhokisa lefatshe banni, o a le senya, o ribegetsa sefatlhego sa lone, o falatsa baagi ba lone.

2 Go tla dirafalela moperesiti jaaka morafe, morena jaaka motlhanka, mohumagadi jaaka lelata, morekisi jaaka moreki, moadimi jaaka moadingwi, yo o molato jaaka yo o busediwang molato.

3 Lefatshe le tla tlhokisiwa baagi, le se na ope; le tla thukhuthwa, le amogwa dilo, gonne Morena o buile lefoko le.

4 Lefatshe le hutsafetse, le swabile; naga e omeletse, e swabile. Batlotlegi ba bagolo ba lefatshe ba nyemile moko.

5 Lefatshe le itshepolotswe ke baagi ba lone, gonne ba tlodile ditaolo, ba fetola molao, ba roba kgolagano e e sa khutleng.

6 Ke gona ka moo khutso e jang lefatshe, ba ba agileng mo go lone ba utlwa petso; ka moo baagi ba lefatshe ba a šwa, go sadisiwa batho ba se kae fela.

7 Matute a moweine a a hutsafala, moweine o a swaba, botlhe ba ba pelo-di-thabileng ba a fegelwa.

8 Boitumelo jwa meropana bo didimetse; modumo wa ba ba duduetsang o khutlile; lethabo la dikwadi le fedile.

9 Ga ba nwe weine ka sefela; bojalwa bo galakegela ba ba bo nwang.

10 Motse o o se nang ope o thubagantswe; go tswetswe matlo otlhe; ga go tsene ope mo go ona.

11 Go lelelwa weine mo mebileng, boitumelo jotlhe bo nyeletse, moduduetso wa lefatshe o tlogile.

12 Mo motseng go setse tshenyego fela; kgoro e thubakantswe.

13 Gonne mo ditšhabeng tsa lefatshe go tla nna jaaka fa setlhare sa olefa se tshikinngwa; jaaka fa ba ronopa moweine, phulo e sena go fela.

14 Bale ba tlhatlosa dikodu, ba a duduetsa; ba dudueletsa borena jwa Morena go tswa kwa lewatleng.

15 Ba re: “Ka ntlha ya moo galaletsang Morena kwa botlhabatsatsi, le leina la Morena, Modimo wa Iseraele, mo ditlhakatlhakeng tsa lewatle!”

16 Re utlwile dikopelo di tswa kwa mafelelong a lefatshe di re: “A kgalalelo e nne ya Mosiami!” Mme ka re: “Ke a latlhega, ke a latlhega, joo nna wee! Dinokwane di a thukhutha, dinokwane di thukhutha ka bonokwane!”

17 Moagi wa lefatshe, therego le gopo le seru di a go tshwara.

18 Jaanong yo o falolang mo modumong wa therego o tla wela mo gopong; yo o tlhatlogang mo teng ga gopo o tla tshwarwa ke seru. Gonne dithoba tsa legodimo di bulegile le metheo ya lefatshe e a roroma.

19 Lefatshe le a thubega, le a thubakanngwa; lefatshe le a phatloga, le a phatlakanngwa; lefatshe le a thekesela, le a theekela.

20 Lefatshe le thekesela jaaka yo o tagilweng; le akgega jaaka bolao jo bo lepeleditsweng. Gonne boikepo jwa lone bo a le imela; le tla wa, mme ga le nke le tlhola le tsoga.

21 Ka letsatsi leo Morena o tla betsa lesomo la bogodimo kwa godimo le dikgosi tsa lefatshe mo lefatsheng.

22 Di tla phuthelwa kwa moleteng jaaka go golegwa bagolegwi, di tswalelwa mo kgolegelong, mme di tla watlhaiwa malatsi a mantsi a sena go feta.

23 Foo ngwedi o tla tlhajwa ke kgala, letsatsi le tlhajwa ke ditlhong; gonne Morena wa masomosomo o tla nna kgosi mo thabeng ya Sione le mo Jerusalema, mme go na la kgalalelo fa pele ga bagolo ba gagwe.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan