Yesaye 22 - Setswana 1970Maikutlo a a botlhofo a batho ba Jerusalema 1 Taelo ya Modimo ka ga mogorogoro wa pono. Kana lo dirwa ke eng, fa lo palame lotlhe kwa godimo ga matlo? 2 Wena motse o o tletseng medumo le tlhodio, motse wa meduduetso! Ba ba tlhabilweng ba gago ga ba a tlhajwa ka tšhaka, ga ba a swela mo ntweng. 3 Balaodi botlhe ba gago ba tshabile mmogo, ba golegwa ba se na bora; botlhe ba ba fitlhetsweng mo go wena ba golegilwe mmogo; ba bangwe ba tshabetse kwa kgakala. 4 Ke ka moo ke reng: “Se ntebeng, ke na le go lela ka bogalaka; se itapiseng go nkgomotsa ka ga tshenyego ya morwadiake, e bong morafe wa me.” 5 Gonne Morena, Modimo wa masomosomo, o beile letsatsi la tlhakatlhakanyo le kgatelelo le moferefere mo mogorogorong wa pono; go epololwa lobota, go goa go utlwala kwa thabeng. 6 Elame o ne a tsere mokotlopo, a na le dikoloi le batho le bapalami ba dipitse. Kire o ne a apotse thebe. 7 Ke fa megorogoro e mentle ya gago e tlala dikoloi; bapalami ba dipitse ba ikemisa ba lebaganye le kgoro. 8 Morena o ne a tlosa phemelo ya Juta, mme lo no lwa tlhola dibolai tse di mo ntlong ya sekgwa; 9 lwa tlhola manga a motse wa ga Dafita, lwa fitlhela a mantsi, lwa phutha metsi a letsha le le kwa tlase. 10 Lwa bala matlo a Jerusalema, lwa phoma matlo mangwe gore lo tiise lobota ka ona; 11 lwa dira letsha fa gare ga dipota tse pedi gore metsi a letsha la kgale a elelele teng, mme ga lo a ka lwa leba yo o tlisang kotsi eo; ga lo a ka lwa tlhokomela yo o sa bolong go e baakanya. 12 Ya re ka letsatsi leo Morena, Modimo wa masomosomo, a ba biletsa selelong le khutsafalong le go ipeoleng le go apareng diaparo tsa boikwatlhao, 13 mme bone ba tlhapelwa, ba itumela, ba tlhaba dikgomo le dinku, ba ja nama, ba nwa weine ba re: “A re jeng he, re nweng, gonne kamoso re tla tsoga re sule.” 14 Mme Morena wa masomosomo o buile mo ditsebeng tsa me a re: “Ruri, ga lo nke lo itshwarelwa boleo joo go ya go fitlhelela lo swa, go bua Morena, Modimo wa masomosomo.” Go kgalemelwa Sebena, mookamedi wa ntlo ya borena 15 Morena, Modimo wa masomosomo, o buile jaana a re: “Nanoga o ye kwa go mookamedi yole, e bong Sebena yo o okametseng ntlo ya kgosi; 16 yo o ikepetseng lebitla kwa godimo, a ikgabela moago mo lefikeng, o re: ‘O na le eng mono? O na le mang mono? Ke eng, fa o ikgabetse lebitla mono? 17 Bona, monna, Morena o tla go diga ka thata, a go tshwara tota, 18 a go menaganya thata, a go latlhela kwa lefatsheng le le atlhameng ka fa le ka fa jaaka kgwele; o tla swela teng, dikoloi tse dintle tsa gago di tla isiwa gona, wena yo o tlhabisang ntlo ya morena wa gago ditlhong! 19 Ke tla go leleka mo tirong ya gago, ke go ntsha mo mannong a gago.’ 20 “Ka letsatsi leo ke tla bitsa Eliakime, motlhanka wa me, morwa Hilekia, 21 ke mo apesa diaparo tsa gago, ke mo tlama ka moitlamo wa gago, ke neela puso ya gago mo diatleng tsa gagwe gore a nne rra baagi ba Jerusalema le ba lotso lwa Juta. 22 Ke tla baya selotlele sa ntlo ya ga Dafita mo legetleng la gagwe. O tla bula go se yo o tswalang. O tla tswala go se yo o bulang. 23 Ke tla mo kokotela jaaka lomapo mo felong fa go tiileng, mme o tla nna sedulo sa tlotlo sa ntlo ya ga rraagwe. 24 “Mme go tla ipega mo go ene makete otlhe a ntlo ya ga rraagwe, a losika lo lo tlotlegang le a losika lo lo nyatsegang le a dilwana tsotlhe, le fa e le megotšwana gongwe dinkgwana tsa mefutafuta.” 25 Jaanong go bua Morena wa masomosomo a re: “E tla re ka letsatsi leo lomapo lo lo kokotetsweng mo felong fa go tiileng, lo somoge, lo robege, lo we. Mme morwalo o o mo go lone o tla latlhega, gonne Morena o buile jalo.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa