Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yesaye 21 - Setswana 1970


Ka ga tatlhego ya Babele

1 Taelo ya Modimo ka ga sekaka se se fa lewatleng. Go tswa sengwe kwa sekakeng, kwa lefatsheng le le boitshegang, se se tshwanang le ledimo le le fokang kwa borwa.

2 Ke bontshitswe pono e e thata: Senokwane se a thukhutha, mosenyi o a senya! Elame, bolola! Media, dikaganyetsa ka ntwa! Ke tla fedisa phegelo yotlhe.

3 Ke gona ka moo letheka la me le tletseng botlhoko jaaka e kete ke segwa ke metlotsedi ya mosadi yo o belegang. Ke obegile mo ke bileng ke sa utlwe, ke tshogile mo ke bileng ke sa bone.

4 Pelo ya me e tshwerwe ke sedidi le therego, mo e bileng maabanyane a a monate mo go nna a mphetogela letshogo.

5 Go baakanngwa bojelo, go alwa diphate; go a jewa, go a nowa. Emang, lona dikgosana, tshasang dithebe!

6 Gonne Morena o buile le nna jaana a re: “Yaa o bee setlhodi. Se se tla se bonang a se se bege.

7 Fa se bona setlhopha sa bapalami ba dipitse, ba tla ba bapile ka bobedi le bobedi, le bontsi jwa diesele le bontsi jwa dikammele, a se tlhokomele ka tlhokomelo e kgolo!”

8 Ke fa se kua jaaka tau se re: “Morena, ke tlhola ke eme mo seraleng motshegare, ke lala ke ntse ke tlhola masigo otlhe!

9 “Bonang, go tla lesomo la banna, bapalami ba dipitse ba bapile ka bobedi le bobedi.” Sa ba sa kua sa re: “Babele o ole, o ole! Ditshwantsho tsotlhe tsa medimo ya teng ba di phatlakantse fa fatshe.”

10 Wena morafe wa me o o phothilweng o o gatakilweng jaaka mabele: Tse ke di utlwileng mo Moreneng wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, ke di lo itsisitse.


Ka ga Etomo

11 Taelo ya Modimo ka ga Duma. Ba ntlhaeletsa ba le kwa Seire ba re: “Molebeledi, bosigo bo tla sa leng? Molebeledi, bosigo bo tla sa leng?”

12 Molebeledi a re: “Moso o tlile, bosigo le jona. Fa lo rata go botsa, boang lo botse gape!”


Ka ga Arabia

13 Taelo ya Modimo ka ga Arabia. Lalang mo sekgweng sa Arabia, lona ditlhopha tsa batsamai ba Detane.

14 Kgatlhantshang ba ba nyorilweng ka metsi, lona baagi ba lefatshe la Thema. Fang batshabi dijo.

15 Gonne ba tshaba ditšhaka, e bong ditšhaka tse di somotsweng le mara a a laetsweng le poitshego ya tlhabano.

16 Gonne Morena o ntheile jaana a re: “E tla re sebaka se se lekanyeng le dinyaga tsa motlhabani se ise se fele, kgalalelo yotlhe ya Ketare e bo e fedile.

17 Mme palo ya bagale ba Ketare ba ba setseng ba ba hulang ka bora e tla nna potlana, gonne Morena, Modimo wa Iseraele, o buile jalo.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan