Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yesaye 2 - Setswana 1970


Kagiso e e sa feleng
( Miga 4:1-3 )

1 Lefoko le Jesaya, morwa Amotse, o le bonyeng ka ga Juta le Jerusalema ke le:

2 E tla re mo malatsing a bofelo thaba ya Ntlo ya Morena e bo e tlhomame, e okame dithaba, e godisitswe kwa godimo ga dithabana; ditšhaba tsotlhe di tla phuthegela kwa go yona.

3 Merafe e mentsi e tla nanoga e re: “Tlayang a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya Morena, kwa Ntlong ya Modimo wa Jakobe, gore o re rute ditsela tsa ona, re tle re tsamae mo ditselaneng tsa ona; gonne molao o tla tswa kwa Sione, Lefoko la Morena le tswa kwa Jerusalema.”

4 O tla seka mo gare ga ditšhaba, a siamisa merafe e mentsi. Foo ba tla thula ditšhaka tsa bona megoma, ba fetola marumo a bona disekele. Setšhaba ga se nke se somole tšhaka go tlhabana le se sengwe. Ga ba kitla ba tlhola ba ithuta tlhabano.

5 Ba ntlo ya ga Jakobe, tlayang a re tsamaeng mo leseding la Morena!


Boikgogomoso bo tla tlosiwa

6 Fela o latlhile morafe wa gago, e leng ba ntlo ya ga Jakobe; gonne ba tletse mereo ya boloi e e tswang kwa botlhabatsatsi, le baroka jaaka Bafelesita; ba utlwana le bana ba baeng.

7 Lefatshe la bona le tletse selefera le gouta, mme mahumo a bona ga a fele; lefatshe la bona le tletse dipitse, mme dikoloi tsa bone tsa ntwa ga di fele.

8 Lefatshe la bona le tletse medimo ya diseto. Ba obamela tiro ya diatla tsa bone tse di dirilweng ke menwana ya bone.

9 Foo go inama motho, go ikokobetsa monna. O se ka wa ba itshwarela!

10 Tsena mo mafikeng, o iphitlhe mo mmung ka ntlha ya poitshego ya Morena le ka ntlha ya kgalalelo ya borena jwa gagwe.

11 Matlho a a ikgodisang a motho a tla kokobediwa; bogolo jwa banna bo tla obiwa. Morena o tla bo a le mogolo a le esi fela ka letsatsi leo.

12 Gonne Morena wa masomosomo o beile letsatsi la go busolosa boikgantsho le boikgogomoso jotlhe le boikgodiso jotlhe gore di kokobediwe;

13 letsatsi la go rema mesetere yotlhe ya Lebanone e meleele e e tumileng, le ditlhare tsotlhe tsa eike tsa Basane;

14 letsatsi la go kokobetsa dithaba tsotlhe tse di godileng le dithabana tsotlhe tse dikgolwane;

15 la go rutla dikago tsotlhe tse di godimo le dipota tsotlhe tsa phemelo;

16 la go senya mekoro yotlhe ya Tharesise le dilo tsotlhe tse di eletsegang mo matlhong.

17 Boikgodiso jwa motho bo tla obiwa, boikgogomoso jwa banna bo tla kokobediwa. Morena o tla bo a le mogolo a le esi fela ka letsatsi leo.

18 Mme medimo ya diseto e tla nyelelela ruri.

19 Mme ba tla tshabela mo meoleng ya majwe le mo mesimeng ya lefatshe ka ntlha ya poitshego ya Morena le ka ntlha ya kgalalelo ya borena jwa gagwe, mogang a tsogang go tshosa lefatshe.

20 Ka letsatsi leo batho ba tla latlha medimo ya selefera ya bone le medimo ya gouta ya bone e ba e itiretseng gore ba e obamele; ba e latlhela dirunya le bomamathwane

21 gore ba tshabele mo dipharong tsa mafika le mo dikgageng tsa ona ka ntlha ya poitshego ya Morena le ka ntlha ya kgalalelo ya borena jwa gagwe, mogang a tsogang go tshosa lefatshe.

22 Jaanong se ikanyeng motho yo go leng mowa mo nkong ya gagwe; kana o ka kaiwa eng?

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan