Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yesaye 19 - Setswana 1970


Petso ya Egepeto e a bolelelwa pele

1 Taelo ya Modimo ka ga Egepeto. Bonang, Morena o palame leru le le lebelo, a ya kwa Egepeto. Jaanong medimo ya diseto ya Egepeto e roroma fa pele ga gagwe, pelo tsa Baegepeto di nyema mo teng ga bone.

2 “Ke tla lwantshanya Moegepeto le Moegepeto gore ba tlhabane, mongwe le mongwe a lwe le mongwe-ka-ene, motse le motse, bogosi le bogosi.

3 Mme Baegepeto ba tla swa dipelo mo teng ga bone. Ke tla senya maano a bone. Foo ba tla botsa medimo ya diseto le dingaka tse di laolang le badimo le baitseanape.

4 Ke tla tsenya Baegepeto mo diatleng tsa Morena yo o setlhogo; kgosi e e peloethata e tla ba busa.” Ke lefoko la Morena, Morena wa masomosomo.

5 Metsi a letsha a tla kgala; noka e tla tšha, e omelela.

6 Dinoka di tla nkga, dinokana tsa Egepeto di tla ngotlega, di tšha. Lotlhaka le motlhatlha di tla swaba.

7 Mafulo a a fa dintshing tsa Nile le fa molomong wa yona le dijwalo tsotlhe tse di fa nokeng ya Nile di tla swaba, di gogolwa, di sa tlhole di le teng.

8 Batshwari ba ditlhapi ba tla hutsafala, botlhe ba ba digelang kobe mo nokeng, ba nyema moko, ba ba gogang letloa mo metsing, ba tlhoboga.

9 Ba ba otlhang ditlhale le ba ba logang masela a masweu ba tla tlhajwa ke ditlhong.

10 Tse di phedisang lefatshe di senyegile; botlhe ba ba direlang tuelo ba pelo-e-botlhoko.

11 Dikgosana tsa Soane ke masilo fela. Bagakolodi ba ga Farao ba ba tlhalefileng ke lekgotla la dieleele fela. Lo ka bua jang le Farao lo a re: “Ke nna morwa matlhale? Ke nna morwa dikgosi tsa bogologolo?”

12 A kae, matlhale a gago? A a go bolelele, a go itsise se Morena wa masomosomo a se ikaeletseng ka ga Egepeto!

13 Dikgosana tsa Soane di fetogile ditlaela; dikgosana tsa Nofe di tsietsegile. Egepeto o fapositswe ke ditlhogo tsa ditso tsa gagwe.

14 Morena o tshetse mowa wa tlhokamo mo go bone gore Baegepeto ba timediwe mo ditirong tsotlhe tsa bone, jaaka yo o tagilweng a thekesela mo matlhatseng a gagwe.

15 Egepeto ga a na tiro epe e a e direlwang ke tlhogo gongwe mogatla, ke mokolane gongwe motlhatlha.


Baegepeto ba tla obamela Morena

16 Ka letsatsi leo Baegepeto ba tla tshwana le basadi, ba roroma, ba boifa kgadikanyo ya letsogo la Morena wa masomosomo le a le ba kgadikanyetsang.

17 Lefatshe la Juta e tla nna setshosa mo go Baegepeto. Mongwe le mongwe yo le umakwang mo go ene o tla boifa ka ntlha ya maikaelelo a Morena wa masomosomo a o a ikaeletseng ka ga bone.

18 Ka letsatsi leo go tla nna metse e le metlhano mo lefatsheng la Egepeto e e buang puo ya Sekanana, e e ineelang Morena wa masomosomo ka maikano. Leina la mongwe ke Ire-Herese.

19 Ka letsatsi leo go tla nna aletare ya Morena mo gare ga lefatshe la Egepeto, le lentswe le le motloutlo la kgopotso la Morena fa molelwaneng wa lone.

20 Tseo e tla nna sesupo sa Morena wa masomosomo le mosupi wa gagwe mo lefatsheng la Egepeto. Fa ba goela kwa Moreneng ka ntlha ya bapatiki, o tla ba romela mothusi yo o tla ba lwelang le go ba pholosa.

21 Gonne Morena o tla ikitsise Baegepeto, mme Baegepeto ba tla itse Morena ka letsatsi leo, ba mo direla ditlhabelo le ditshupelo, ba ikanela Morena maikano, ba a tshegetsa.

22 Mme Morena o tla betsa Baegepeto, a ba betsa, a ba a ba fodisa. Ba tla sokologela kwa Moreneng, mme ene o tla utlwa dithapelo tsa bone, a ba fodise.

23 Ka letsatsi leo go tla nna tsela e kgolo e e tswang kwa Egepeto e ya kwa Asiria. Jaanong Baasiria ba tla etela Egepeto, mme Baegepeto ba etela Asiria. Baegepeto ba tla direla Morena mmogo le Baasiria.

24 Ka letsatsi leo Iseraele o tla nna wa boraro, a kopanye le Egepeto le Asiria, e le tshegofatso mo lefatsheng,

25 le Morena wa masomosomo a le tshegofatsang a re: “Go tshegofaditswe Egepeto, morafe wa me, le Asiria, tiro ya diatla tsa me, le Iseraele, boswa jwa me.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan