Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yesaye 17 - Setswana 1970


Ka ga Damaseko le Eferaime

1 Taelo ya Modimo ka ga Damaseko: “Bonang, Damaseko o a tlosiwa, e sa tlhole e le motse, mme e tla nna marope fela.

2 Metse ya Aroere e a tlogelwa; matsomane a tla fula, a botha teng, go se yo o a tshosang.

3 Go tla tlosiwa phemelo mo Eferaime le bogosi mo Damaseko. Masalela a Siria a tla dirafalelwa ke se se tla dirafalelang kgalalelo ya Baiseraele.” Go bua Morena wa masomosomo.

4 “E tla re mo metlheng eo kgalalelo ya Jakobe e fokotsege, mmele wa gagwe o o nonneng o ote.

5 Go tla dirafala jaaka fa morobi a sopaanya dinono tsa mabele, fa letsogo la gagwe le roba diako; go tla dirafala jaaka fa motho a sela diako mo mokgatsheng wa Refaime.

6 Mme go tla tlogelwa maronopo jaaka fa go tshikinngwa ditlhare tsa olefa: Maungo a mabedi gongwe a mararo kwa godimo mo setlhoeng sa setlhare, a mane gongwe a matlhano mo dikaleng tsa setlhare se se ungwang.” Go bua Morena, Modimo wa Iseraele.

7 Ka letsatsi leo motho o tla leba Mmopi wa gagwe; matlho a gagwe a tla tlhokomela Moitshepi wa Iseraele.

8 Mme ga a nke a leba dialetare tse e leng tiro ya diatla tsa gagwe, le e seng go tlhokomela tse di dirilweng ke menwana ya gagwe, e leng medimako ya Ašera le majwe a a motloutlo a letsatsi.

9 Ka letsatsi leo metse e e femetsweng ya gagwe e tla nna jaaka matlotla mo sekgweng le jaaka setlhoa sa thaba, tse di tlogetsweng ka ntlha ya go tshaba Baiseraele, mme e tla nna sekaka fela.

10 Gonne o lebetse Modimo o o go thusang, o sa gakologelwe lefika le e leng botshabelo jwa gago. Ka moo o ka tlhoma ditlhongwa tse di kgatlhang, wa jwala matlhogela a sele.

11 Ka letsatsi le o di jwalang ka lone, o ka di agelela ka logora; ka moso o ka tlhogisa dijwalo tsa gago. Mme e tla re ka letsatsi la bolwetse le la botlhoko jo bo sa foleng kotulo e bo e nyeletse.


Tatlhego ya Baasiria

12 A modumo wa merafe e mentsi e e dumang jaaka go suma lewatle! A loratla lwa ditšhaba tse dikgolo tse di gwasang jaaka go gwasa metsi a magolo!

13 Merafe e tla duma jaaka go gwasa metsi a mantsintsi, mme e tla re Morena a sena go e kgalemela, e tshabele kwa kgakala, e lelekwe jaaka moko o gogolwa ke phefo mo dithabeng le jaaka matlakala a tsewa ke ledimo.

14 E tla re go le mantsiboa go nne therego, mme e re bosigo bo ise bo se, ba bo ba sa tlhole ba le teng. Ke se se tla dirafalelang ba ba re thukhuthang; ke kotlo ya ba ba re amogang di-tsa-rona.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan