Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yesaye 16 - Setswana 1970


Ga go na tsholofelo ka ga Moabe

1 Romelang mmusi wa lefatshe dikwana kwa thabeng ya morwadia Sione go tswa kwa Sela mo sekakeng.

2 Bomorwadia Moabe ba tla nna jaaka dinonyane tse di tshabang le jaaka mamphorwana a sentlhaga a a tshositsweng, kwa matsibogong a Arenone.

3 Ntsha kgakololo, o re tsereganye, moriti wa gago wa motshegare a o nne jaaka bosigo; suba ba ba lekilweng, se subolole motshabi!

4 A balelekwa ba me ba Moabe ba nne le wena; o nne botshabelo jwa bone mo mosenying. E tla re fa mogateledi a khutlile, fa tshenyo e fedile, fa ba ba gatakang ba nyeletse mo lefatsheng,

5 foo go tla bewa sedulo sa bogosi ka bopelonomi, mme moatlhodi o tla nna mo go sona mo ntlong ya ga Dafita ka boikanyo, yo o tlhokomelang molao, yo o tlhoafalelang tshiamo.

6 Re utlwaletse boikgodiso jwa ga Moabe ga twe, o ikgantsha thata; e leng boikgogomoso jwa gagwe le boikgodiso jwa gagwe le kgalefo ya gagwe le maipelafatso a gagwe a maaka.

7 Ka moo Bamoabe ba tla lela mo go Bamoabe, ba lela botlhe; ba tla fegelwa ka ntlha ya dinkgwe tsa maungo a moweine tsa Kire-Haresethe, ba nyemile moko.

8 Gonne masimo a Hešebone a omeletse mmogo le ditlhare tsa moweine tsa Sibema tse weine e e monate ya tsona e neng e fentse barena ba merafe. Dikala tsa tsona tsa fitlha kwa Jasere, tsa tlala mo nageng, tsa nama, tsa tshela lewatle.

9 Ka moo ke lelela ditlhare tsa moweine tsa Sibema jaaka di lelelwa ke Jasere; lona Hešebone le Eleale ke lo tsholelela dikeledi, gonne moduduetso wa baba o wetse mo letlhafuleng la lona le mo thobong ya lona.

10 Go tlositswe boitumelo le lethabo mo tshimong; ga ba duduetse le e seng go ipela mo masimong a meweine. Mogati ga a gate maungo a moweine mo digatelong. Ke khutlisitse mogolokwane.

11 Ka ntlha ya moo pelo ya me e lelela Moabe jaaka harepa; boteng jwa me bo lelela Kirerese.

12 Le fa Moabe a ka itshupa, a itapisa mo thoteng ya tlhabelo, a ya felong ga boitshepo ga gagwe go rapela, ga a nke a kgona sepe.

13 Lefoko le ke lone le Morena o kileng a le bua bogologolo ka ga Moabe.

14 Mme jaanong go bua Morena a re: “E tla re dinyaga di le tharo di sena go feta tse di tshwanang le tsa motlhabani, kgalalelo ya Moabe e nyatsege, mmogo le bontsi jo bogolo jotlhe. Masalela e tla nna a mannyennyane a a se nang thata.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan