Yesaye 12 - Setswana 1970Sefela sa tebogo sa phuthego e ntšhwa 1 Ka letsatsi leo o tla bua o re: “Morena, ke a go leboga! Gonne o ne o le bogale mo go nna, mme bogale jwa gago bo boile, o bile wa nkgomotsa. 2 Bonang, Modimo ke pholoso ya me. Ke tla o ikanya, ke sa boife sepe. Gonne Modimo Morena ke thata ya me le sefela sa me, o bile o diregile pholoso ya me.” 3 Lo tla gelela metsi ka boitumelo mo metsweding ya pholoso. 4 Ka letsatsi leo lo tla bua lo re: “Lebogang Morena, bitsang leina la gagwe, itsiseng ditiro tsa gagwe mo merafeng, utlwatsang gore leina la gagwe ke le legolo. 5 Opelelang Morena, gonne o dirile dilo tsa bonatla; a go itsiwe jalo mo lefatsheng lotlhe! 6 Ipeleng lo duduetse, lona baagi ba Sione! Gonne Moitshepi wa Iseraele o mogolo mo gare ga lona.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa