Yesaye 11 - Setswana 1970Puso ya ga Keresete ya kagiso 1 Letlhogela le tla tlhoga mo kutung ya ga Isai; letlhogela le le tswang mo meding ya gagwe le tla ungwa. 2 Mowa wa Morena o tla nna mo go ene, e bong Mowa wa botlhale le tlhaloganyo, Mowa wa kgakololo le thata, Mowa wa go itse le go boifa Morena. 3 O tla natefelwa ke go boifa Morena. Ga a nke a atlhola ka fa matlho a gagwe a bonang ka teng, le e seng go siamisa ka fa ditsebe tsa gagwe di utlwang ka gona. 4 Mme o tla atlholela ba ba kwa tlase ka tshiamo, a sekela ba ba pelonolo mo lefatsheng ka nnete; o tla itaya Morena yo o setlhogo ka thupa ya molomo wa gagwe, a bolaya moikepi ka mowa wa molomo wa gagwe. 5 Tshiamo e tla nna moitlamo wa letheka la gagwe; boammaaruri e tla nna moitlamo wa dirope tsa gagwe. 6 Phiri e tla etela kwanyana, nkwe e botha le potsane; namane le tawana le pholwana e e nonneng, mosimanyana o tla di disa mmogo. 7 Kgomo le Bere di tla tsalana, bana ba tsona ba botha mmogo; tau e tla fula bojang jaaka kgomo. 8 Lesea le tla tshameka fa mosimeng wa lebolobolo; yo o kgwisitsweng o tla tsenya seatla sa gagwe mo mosimeng wa mokwepa. 9 Ga di nke di utlwisa botlhoko, le e seng go senya mo thabeng yotlhe ya me e e boitshepo. Gonne lefatshe le tla bo le tletse go itse Morena, jaaka metsi a khurumetsa lewatle. Baiseraele ba tla boa botshwarong 10 Mo metlheng eo baheitane ba tla batla letlhogela la modi wa ga Isai le e leng sefoka sa merafe. Boago jwa gagwe bo tla galalela. 11 Mo metlheng eo Morena o tla otlolola letsogo gape go rekolola masalela a morafe wa gagwe a a setseng kwa Asiria le kwa Egepeto le kwa Phatherose le kwa Ethiopia le kwa Elame le kwa Sineare le kwa Hamathe le kwa ditlhakatlhakeng tsa lewatle. 12 O tla emisetsa ditšhaba sefoka, a phutha bomorwa Iseraele ba ba lelekilweng, a kgobokanya bomorwadia Juta ba ba faladitsweng, ba tswa ntlheng tse nne tsa lefatshe. 13 Eferaime ga a tlhole a fufegelwa, ba ba pitlaganyang Juta ba tla nyelediwa. Eferaime ga a nke a fufegela Juta, Juta ga a nke a pitlaganya Eferaime. 14 Ba tla fefogela kwa ntlheng ya bophirimatsatsi mo magetleng a Bafelesita; ba tla thukhutha bana ba botlhabatsatsi mmogo. Etomo le Moabe e tla nna thopo ya diatla tsa bone. Baamone ba tla laolwa ke bone. 15 Morena o tla hutsa loleme lwa lewatle la Egepeto ka phefo e e bolelo ya gagwe; a kgadikanya letsogo godimo ga noka ya Ferathe, a e itaya gore e tswe dinokana tse supa, tse motho a ka di tshelang a rwele ditlhako. 16 Masalela a morafe wa gagwe a a setseng kwa Asiria a tla bo a na le tsela e kgolo, jaaka Baiseraele ba ne ba na nayo mo metlheng e ba hudugileng kwa lefatsheng la Egepeto ka yona. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa