Yesaye 1 - Setswana 19701 Pono ya ga Jesaya, morwa Amotse, e o e bonyeng ka ga Juta le Jerusalema mo malatsing a ga Usia le Jothame le Ahase le Hesekia, dikgosi tsa Juta. Modimo o kgalemela batho ba ona 2 Lona magodimo, utlwang; wena lefatshe, sekega tsebe! Gonne Morena o bua a re: “Ke otlile bana, ka ba godisa, mme bone ba ikepile mo go nna. 3 Kgomo e itse morui wa yona, esele e itse segopo sa mong wa yona! Iseraele ga a itse, morafe wa me ga o lemoge.” 4 A tatlhego wee ya setšhaba se se leofang, ya morafe wa molato o o makete, ya losika lwa badiradibe, ya bana ba ba senyang! Ba tlogetse Morena, ba nyatsa Moitshepi wa Iseraele, ba boela kwa morago. 5 Lo sa ntse lo ka bediwa fa kae, ka lo ntse lo tlhanogela pele? Kana tlhogo yotlhe e botlhoko, pelo yotlhe e a lwala. 6 Go tloga ka pato ya lonao go ya kwa tlhogong ga go na boitekanelo bope fa e se dintho le dingalo le dititeo tse dintšhwa. Ga di a tamolwa le e seng go fatšwa le e seng go rumafadiwa ka lookwane. 7 Lefatshe le lona ke sekaka fela, metse ya lona e fisitswe ka molelo. Baeng ba ja tsa masimo a lona lo ntse lo ba lebile. Go sekaka fela, go tshwana le fa baeng ba ribegeditseng teng. 8 Go setse morwadia Sione fela, o tshwana le mokgotshwana mo tshimong ya moweine le motlaagana mo tshimong ya diphare le motse o o dikanyeditsweng ke ntwa. 9 Fa Morena wa masomosomo a ka bo a sa re tlogelela masalela a se kae, re ka bo re ntse jaaka Sotoma, re tshwana le Gomora. 10 Lona balaodi ba Sotoma, utlwang Lefoko la Morena! Wena morafe wa Gomora, sekegela molao wa Modimo wa rona tsebe! 11 “Ke tla reng ka bontsi jwa ditlhabelo tsa lona?” go bua Morena. “Ditlhabelo tse di fisiwang tsa diphelehu le mafura a dinamane tse di nontshitsweng di ntenne. Ga ke natefelwe ke madi a dipoo le a dikwana le a diphoko. 12 E a re fa lo tla go bonala fa pele ga me, e be e le mang yo o batlileng tseo mo diatleng tsa lona? Ke go gataka malapa a me fela! 13 Lo se ka lwa tlhola lo tlisa ditshupelo tsa boithamako – ke musi wa maila mo go nna! A ke ngwedi o o rogilweng, a ke Sabata, a ke go biletsa pitsong – ga ke kgone go itshokela boikepo le kgobokano ya moletlo. 14 Mowa wa me o tlhoile mediro ya ngwedi o o rogilweng le meletlo ya lona; ke morwalo mo go nna, ke lapile go o rwala. 15 “Le fa lo tsholetsa mabogo, ke tla lo bipela matlho; le fa lo ka ntsifatsa dithapelo, ga nkitla ke lo utlwa; gonne diatla tsa lona di tletse madi. 16 Tlhapang lo itsheke; tlosang bosula jwa ditiro tsa lona fa pele ga matlho a me, lo bake go dira bosula. 17 Ithuteng go dira tse di molemo, batlang tshiamo, thusang yo o gateletsweng, siamisetsang lesiela, emelang motlholagadi mo tshekong. 18 “Tlayang he, a re sekisanyeng,” go bua Morena: “Le fa dibe tsa lona di hubitse jaaka madi, di tla sweufala jaaka semathana; le fa e le tse dikhibidu jaaka letsoku, di tla nna jaaka boboa jwa nku. 19 Fa lo rata go nkutlwa, lo tla ja molemo wa lefatshe. 20 Mme fa lo gana, lo ganetsa, lo tla jewa ke tšhaka; gonne molomo wa Morena o buile jalo.” Motse wa boleo 21 Kana motse o o neng o ikanyega o fetogile seaka jang ne! O ne o tletse tshiamo, molao o agile mo go ona, mme jaanong – ke babolai fela! 22 Selefera ya gago e fetogile manyela, weine ya gago e tlhakantswe le metsi. 23 Dikgosana tsa gago ke baferetlhi, ke balekane ba magodu; ba rata thelesetso botlhe, ba tsoma tuelo; ga ba siamisetse lesiela, kgang ya motlholagadi ga ba e amogele. 24 Ke ka moo go buang Morena, Morena wa masomosomo, Senatla sa Iseraele, a re: “Ahee! Ke tla gomotsega ka go betsa ba ba nkganetsang, ke rata go ipusolosetsa mo babeng ba me! 25 Ke rata go busetsa letsogo la me kwa go wena, ke go itshekisa, ke tlosa manyela a gago jaaka ka molora, ke tlosa llota yotlhe ya gago. 26 Ke rata go go naya baatlhodi gape jaaka gale le banna ba lekgotla jaaka mo tshimologong. Morago ga moo o tla bidiwa Motse wa tshiamo le Motse o o ikanyegang.” 27 Sione o tla gololwa ka tshekiso, le ba ba tlhabologileng ba teng ka tshiamo. 28 Mme baikepi le baleofi ba tla robaganngwa; ba ba tlogelang Morena ba tla nyelela. 29 Gonne lo tla tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya ditlhare tsa metherebinthe tse di lo kgatlhang; lo tlhajwa ke kgala ka ntlha ya masimo a a lo natefelang. 30 Gonne lo tla nna jaaka setlhare sa motherebinthe se matlhare a sona a swabileng; lo tshwana le tshimo e e se nang metsi. 31 Seganka se tla nna kgobati, tiro ya sona e nne tlhase; di tla šwa ka bobedi jwa tsona mmogo, go se yo o timang. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa