Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yeremie 9 - Setswana 1970

1 Ao! Tlhogo ya me e ka bo e le metsi, le leitlho la me e ka bo e le motswedi wa dikeledi gore ke lelele ba ba bolailweng ba morwadia morafe wa me bosigo le motshegare!

2 Ao! Nka bo ke na le ntlo ya baeti mo sekakeng gore ke tlogele morafe wa me, ke tswe mo go bone! Gonne ba senya nyalo botlhe; ke lesomo la balotsana fela.

3 “Ba gagamatsa diteme tsa bone jaaka bora; ba busa ka maaka mo lefatsheng, e seng ka boammaaruri; ba tswa bosuleng, ba ya bosuleng jo bongwe, mme nna ga ba nkitse,” go bua Morena.

4 “Itiseng lo tshabane; se ikanyeng ngwana ope wa rraalona; gonne mongwe le mongwe o tsietsa morwa-rraagwe ka bonokwane. Ba tsamaya ba senyana maina.

5 Ba a aketsanya, ga ba bue boammaaruri. Ba tlwaeditse diteme tsa bone go bua maaka. Ba itapisa ka go sokamisa mafoko.

6 Boago jwa gago bo mo gare ga bolotsana; ba gana ka bolotsana go nkitse,” go bua Morena.

7 Ke ka moo Morena wa masomosomo o buang jaana a re: “Bonang, ke tla ba gakolosa, ke ba leka. Kana nka direla morwadia morafe wa me jang ka mokgwa o sele?

8 Diteme tsa bone ke metsu e e bolayang, di bua tsa bolotsana; ba bua kagiso le mongwe-ka-bone ka melomo, mme mo pelong ba a mo lalela.

9 Jaanong a ga ke na go ba betsa ka ntlha ya dilo tseo?” go botsa Morena. “Mowa wa me a ga o na go ipusolosetsa mo setšhabeng se se tshwanang le se?”

10 Ke tla lelela dithaba, ke di hutsafalela, ke tlhaba sefela sa khutsafalo ka ga mafulo a naga, gonne a tubakegile, go se na ope yo o a ralalang; le gona ga go utlwale melelo ya matlhape; dinonyane tsa loapi le diphedi tsotlhe di tshabile, di ile.

11 “Mme ke tla dira Jerusalema marope le bonno jwa diphokojwe; ke fetola metse ya Juta sekaka se se se nang moagi.”

12 Monna yo o botlhale yo o tlhaloganyang tseo ke mang? Ke mang yo molomo wa Morena o buileng nae, go ka itsise gore ke ka ntlhaang, fa lefatshe le latlhegile le go senyega jaaka sekaka, go se na yo o ralalang?

13 Morena a ba a re: “E re ka ba tlogetse molao wa me o ke o beileng fa pele ga bone; ba se ka ba utlwa lentswe la me, le e seng go sepela ka lone;

14 mme ba latela dipelo tsa bone tse di thatafetseng, le boBaale ba ba ba tlwaeditsweng ke borraabo.”

15 Ke ka moo Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o buang jaana a re: “Bonang, morafe o ke tla o jesa longana, ke o nosa metsi a a nang le botlhole;

16 ke tla o falaletsa kwa ditšhabeng tse bone le borraabo ba sa di itseng; ke ba latedisa tšhaka go tsamaya ke ba fedise.”


Batho ba Jerusalema ba lelela thuso

17 Morena wa masomosomo a ba a bua jaana a re: “Tlhokomelang, lo bitse basadi ba selelo gore ba tle; lo romele kwa basading ba ba tlhalefetseng selelo gore ba tle.”

18 A ba akofe, ba tlhabe sefela sa khutsafalo ka ga rona gore matlho a rona a tshologe dikeledi le dintshi tsa rona di ele metsi.

19 Gonne go utlwala sefela sa khutsafalo se se tswang kwa Sione se re: “Joo! Re gateletswe jang! Re tlhajwa ke ditlhong tse dikgolo; gonne re na le go tlogela lefatshe, ka ba rutlile meago ya rona.”

20 Ee, lona basadi, utlwang Lefoko la Morena! A ditsebe tsa lona di amogele lefoko la molomo wa gagwe le le reng: “Rutang bomorwadia-lona sefela sa khutsafalo, lo rutane sefela sa go lelela moswi se se reng:

21 ‘Loso lo palame, lwa tsena mo difenstereng tsa rona, lwa tsena mo matlong a borena a rona go fetsa bana mo mebileng le makau mo dipatlelong.’ ”

22 Bua o re: “Morena a re: ‘Ditoto tsa batho di namaletse fa fatshe jaaka moutele mo masimong le jaaka dingata fa morago ga mosegi, go se yo o di phuthang.’ ”

23 Morena o buile jaana a re: “A Motlhalefi a se ka a ipelafatsa ka botlhale jwa gagwe! A seganka se se ka sa ipoka ka thata ya sona! A mohumi a se ka a ikgodisa ka khumo ya gagwe!

24 Mme yo o ratang go itumisa a a itumise ka go tlhalefela go nkitse, fa e le nna Morena yo o dirafatsang bopelotlhomogi le katlholo le tshiamo mo lefatsheng; gonne ke kgatlhwa ke dilo tseo.” Morena o buile jalo.

25 “Bonang, malatsi a e tla,” go bua Morena, “a ka ona ke tla betsang botlhe ba ba rupileng mo mmeleng fela,

26 e leng Baegepeto le Bajuta le Baetomo le Baamone le Bamoabe le botlhe ba ba sekotsweng ditlhogo ba ba agileng mo sekakeng. Gonne ditšhaba tsotlhe tseo le Baiseraele botlhe ba na le dipelo tse di sa rupang.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan