Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yeremie 7 - Setswana 1970


Thero e Jeremia o e tshwereng kwa Tempeleng mo metlheng ya kgosi Joyakime

1 Lefoko le le tsileng kwa go Jeremia le tswa mo Moreneng la re:

2 “Ema mo kgorong ya Ntlo ya Morena, o rere teng lefoko le o re: ‘Utlwang Lefoko la Morena, lona Bajuta lotlhe, ba lo tsenang ka dikgoro tse go obamela Morena!

3 Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele o bua jaana o a re: Siamisang ditsela tsa lona le ditiro tsa lona! Gona ke tla lo agisa mo felong fano.

4 Lo se ka lwa ikanya mafoko a tsietso a a reng: Tempele ya Morena, Tempele ya Morena, Tempele ya Morena ke yona e!

5 “ ‘Mme fa lo ka siamisa ditsela tsa lona le ditiro tsa lona mo boammaaruring, lo a direlana ka tshiamo tota;

6 lo sa gatelele moeng gongwe lesiela gongwe motlholagadi, lo sa tsholole madi a a se nang molato mo felong fano, lo sa latele medimo e sele – mo e leng go itshenyetsa fela! –

7 foo ke tla lo agisa mo felong fano le mo lefatsheng le ke le neileng borraeno go tswa bogologolo le go ya bosakhutleng.

8 “ ‘Bonang, lo ikanya mafoko a tsietso a a sa thuseng sepe.

9 Ga ke re, lo a utswa, lo a bolaya, lo senya nyalo, lo ikana ka maaka, lo fisetsa Baale maswalo, lo sala medimo e sele morago e lo sa e itseng!

10 Lo fete lo tle lo eme fa pele ga sefatlhego sa me mo Ntlong e, e e bidiwang ka leina la me lo re: Re pholositswe! A lo raya gore ga se sepe, le fa lo dira dilo tsotlhe tse di maila tseo?

11 A Ntlo e, e e bidiwang ka leina la me, e fetogile logaga lwa dinokwane mo matlhong a lona? Ka nnete, le nna ke bonye jalo, go bua Morena.

12 Ee, tlogang lo ye kwa felong ga me, fa go neng go le kwa Silo, kwa ke neng ke agisa leina la me teng mo tshimologong, lo bone se ke se go diretseng ka ntlha ya bosula jwa Iseraele, morafe wa me!

13 Mme jaanong, e re ka lo dirile ditiro tsotlhe tse – go bua Morena – ka ke buile le lona, ka bua ka tlhoafalo, mme lo se ka lwa utlwa; ka lo bitsa, mme lo se ka lwa araba;

14 ka moo ke tla direla Ntlo e e bidiwang ka leina la me, e lona lo e ikanyang, le felo fa ke go lo neileng le borraeno, ke tla go direla jaaka ke diretse Silo.

15 Mme ke tla lo tlosa fa pele ga me, ke lo latlha, jaaka ke latlhile bomorwa-rraeno botlhe, e leng losika lotlhe lwa Eferaime.’ ”


Go tlhoka kutlo ga Baiseraele

16 “Mme wena, Jeremia, o se ka wa rapelela morafe o; se utlwatse selelo gongwe thapelo ka ntlha ya bone; se nkokotlele, gonne ga nkitla ke go utlwa.

17 A ga o bone se ba se dirang mo metseng ya Juta le mo mebileng ya Jerusalema?

18 Bana ba rwalela dikgong, borraabo ba gotsa molelo, basadi ba duba bupe, e le go besetsa kgosi ya sesadi ya legodimo dinkgwe le go tshelela medimo e sele ditshupelo tsa dino gore ba nkgakatse.

19 Jaanong a go gakadiwa nna? go botsa Morena. A ga ba itirele bosula ka bosi, mme e le go itlhabisa ditlhong?”

20 Ka moo Morena, Modimo, o bua jaana a re: “Bonang, go goromelediwa bogale jwa me le kgalefo ya me mo felong fa; mo bathong le mo dikgomong le mo ditlhareng tsa naga le mo maungong a masimo; bo tla tuka, bo sa time.”

21 Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: “Tlhakanyang ditlhabelo tsa phiso tsa lona le ditlhabelo tse di jewang tsa lona – lo je nama!

22 Gonne ka letsatsi le ke ntshitseng borraeno kwa lefatsheng la Egepeto ka lone, ga ke a bua sepe nabo le e seng go ba laela sepe ka ga ditlhabelo tsa phiso le ditlhabelo tse di jewang.

23 Mme ke ba file taolo e e reng: ‘Utlwang lentswe la me! Foo ke tla nna Modimo wa lona, mme lo tla nna morafe wa me! – Lo sepele fela mo tseleng e ke e lo laelang gore lo tle lo phele sentle.’

24 Mme ga ba a ka ba utlwa, le e seng go sekega ditsebe, mme ba sepela ka fa maikaelelong a dipelo tsa bone tse di bosula tse di thatafetseng, ba boela kwa morago, ba sa ye kwa pele.

25 Go tloga ka letsatsi le borraeno ba hudugileng kwa lefatsheng la Egepeto ka lone go fitlha letsatsing la kajeno, ke ne ke ntse ke romela batlhanka ba me botlhe, e leng baporofeti, kwa go lona ka tlhoafalo ka malatsi otlhe.

26 Mme ga ba a ka ba nkutlwa, le e seng go sekega ditsebe, mme ba gagamatsa dithamo tsa bone, ba senya bogolo go borraabo.

27 “O tshwanetse go bua mafoko aotlhe ao nabo, mme ga ba kitla ba go utlwa; gape o tshwanetse go ba bitsa, mme ga ba kitla ba go araba.

28 Ka moo o ba ree o re: Ke sona setšhaba se se se kang sa utlwa lentswe la Morena, Modimo wa sona, se se se kang sa amogela kgalemelo. Boammaaruri bo nyeletse, ga bo yo mo melomong ya bone.


Ditiro tsa boleo mo Hinome

29 “ ‘Ipeole moriri o montle, o o latlhe; tlhaba sefela sa khutsafalo mo dithabaneng tse di iphotlhereng! Gonne Morena o latlhile, a leleka losika lo a lo galefetseng.’

30 “Gonne bomorwa Juta ba dirile tse di bosula mo matlhong a me,” go bua Morena, “ba baya maila a medimo ya bone mo Ntlong e e bidiwang ka leina la me, go e itshekolola.

31 Le gona ba agile thota ya tlhabelo e e bidiwang Thofethe e e mo mogorogorong wa Morwa-Hinome gore ba fise bomorwaa-bone le bomorwadia-bone ka molelo. Kana ga ke a laola jalo! Pelo ya me ga e ise e tsenwe ke mogopolo o o ntseng jalo.”

32 Ke ka moo Morena o buang a re: “Bonang, malatsi a e tla, a ka ona go sa tlholeng go buiwa ka ga Thofethe le mogorogoro wa Morwa-Hinome, mme ba tla re: ‘Mogorogoro wa polaelo’; ba fitlha baswi mo go Thofethe, ka ba tlhoka manno.

33 Mme ditoto tsa morafe o e tla nna dijo tsa dinonyane tsa loapi le tsa dibata tsa naga, di sa tshosiwe ke ope.

34 Le gona ke tla khutlisa modumo wa tuduetso le wa boitumelo le lentswe la monyadi le la monyalwa mo metseng ya Juta le mo mebileng ya Jerusalema. Gonne lefatshe le tla bo le fetogile marope fela.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan