Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yeremie 6 - Setswana 1970


Jerusalema o dikanyeditswe ke baba

1 “Lona Babenyamene, tshabang lo tlogele Jerusalema! Letsang lonaka kwa Thekoa, lo emise sefoka kwa Bethe-Hakereme. Gonne tatlhego e re okame go tswa kwa bokone le tshenyo e kgolo.

2 Morwadia Sione yo montle wa seithati ke a mo nyeletsa.

3 Badisa ba e tla kwa go ene, ba na le matsomane a bone; ba tlhoma ditente mo tikologong ya gagwe; mongwe le mongwe o fudisa karolo ya gagwe.”

4 Ba re: “Mmaakanyetseng tlhabano! Nanogang, a re bololeng e sa le motshegare! A tatlhego ya rona wee, gonne letsatsi le ngotlegile! Meriti e setse e le meleele.

5 Nanogang tlhe, a re bololeng bosigo, re senye matlo a borena a gagwe!”

6 Gonne Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “Remang ditlhare tsa gagwe, lo direle Jerusalema mapalamo a mmu. Ke ona motse o o otliwang; kgatelelo e tletse mo go ona.

7 Bosula jwa ona bo ntse bo tswela jaaka motswedi wa metsi o ntse o tswela. Kgatelelo le tshenyo di utlwala mo go ona. Botlhoko le dintho di ntse di le fa pele ga me.

8 Tlhagisega, Jerusalema! E se re gongwe pelo ya me ya ikgaoganya nao; e se re gongwe ka go dira sekaka, lefatshe le le se nang moagi.”


Baiseraele ke barukhutlhi

9 Morena wa masomosomo o buile jaana le nna a re: “Ronopa masalela a Iseraele jaaka setlhare sa moweine ka tlhoafalo. Tsenya letsogo gangwe le gape mo dikaleng jaaka yo o fulang!”

10 “Nka bua le bomang, ka ba supetsa gore ba utlwe? Bona, ditsebe tsa bone ga di a rupa. Ga ba kgone go reetsa. Bona, Lefoko la Morena le nyatsega mo go bone; ga ba le rate.

11 Mme ke tletse kgalefo ya Morena, ke palelwa ke go e thibela.” Ke fa Morena a re: “E goromeletse mo ngwaneng yo o mo mmileng le mo kgobokanong ya makau mmogo. Ee, le gona go tshwarwa monna le mosadi le monna mogolo le yo o tsofetseng thata.

12 Ba bangwe ba tla abelwa matlo a bone mmogo le masimo le basadi. Gonne ke otlololela baagi ba lefatshe letsogo go ba otla,” go bua Morena.

13 “Gonne botlhe bao ba rata kgwebo ya tshiamololo, ba bannye le ba bagolo; botlhe bao ba a tsietsa, le fa e le baporofeti gongwe baperesiti.

14 Mme ba alafa tshenyego ya morafe wa me ka botlhofo fela ba re: ‘Kagiso! Kagiso!’ le fa kagiso e se yo.

15 Ba a nyatsega, gonne ba dirile maila. Mme ga ba tlhole ba ikutlwa ditlhong; ga ba itse go tlhajwa ke kgala. Ka moo ba tla wa le ba ba wang. E re ke ba otla, ba we.” Morena o buile jalo.


Baiseraele ba latlha tsela ya Modimo

16 Morena o buile jaana a re: “Emang fa ditseleng, lo bone, lo botsolotse ditsela tsa bogologolo gore tsela ya go pholosiwa ke efe? Tsamayang mo go yona, foo lo tla bonela mewa ya lona boikhutso.” Mme ba re: “Ga re rate go tsamaya mo go yona.”

17 Le gona ke lo tsoseditse balebi ka re: “Tlhokomelang tumo ya lonaka!” Mme ba re: “Ga re rate go tlhokomela.”

18 “Ka moo, utlwang, lona ditšhaba, itseng, lona phuthego, se se mo go bone.

19 Utlwa, wena lefatshe! Bonang, ke isa morafe o mo tatlhegong, e le leungo la dikakanyo tsa bone. Gonne ga ba a tlhokomela mafoko a me; le molao wa me ba o latlhile.

20 Go fisa maswalo ka matlhare a a tswang kwa Šeba le lotlhaka lo lo nkgang monate lo lo tswang kwa lefatsheng le le kgakala, ke eng mo go nna? Ditlhabelo tsa lona tsa phiso ga di nkgatlhe; ga ke itumelele ditlhabelo tsa lona tse di jewang.”

21 Ke gona ka moo Morena a buileng jaana a re: “Bonang, ke beela morafe o dikgopi mo tseleng gore borra-bana le bana ba we mmogo ka tsona. Moagi le yo o bapileng nae ba tla nyelela.”


Baba ba tswa kwa bokone

22 Morena o bua jaana a re: “Bonang, morafe o e tla, o tswa kwa lefatsheng la bokone; ke setšhaba se segolo, se itsosa kwa dikhutlong tsa lefatshe.

23 Ba tshotse mara le marumo; ba setlhogo, ga ba utlwele ope botlhoko. Loratla lwa bone lo tshwana le mosumo wa lewatle. Ba palame dipitse. Ba iketleeditse jaaka batlhabani gore ba lwe nao, morwadia Sione.”

24 E rile re ba utlwela, diatla tsa rona tsa repa; tlalelo le metlotsedi tsa re tshwara jaaka mosadi yo o belegang.

25 Lo se ka lwa tswela kwa nageng, se tsamaeng mo tseleng! Gonne tšhaka ya mmaba e bolaya mo ntlheng tsotlhe mo go boitshegang.

26 Morwadia morafe wa me, apara diaparo tsa bohutsana, o ipidikanye mo moloreng, o hutsafale jaaka go lelelwa ngwana yo o esi ka selelo sa bogalaka. Gonne mogateledi o tla tla, a re wela ka tshoganyetso.

27 Morena o ne a ntheile a re: “Ke go dirile motlhatlhobi mo morafeng wa me le motlhaodi wa ona gore o itse, o tlhatlhobe ditsela tsa bone.

28 Botlhe ke baikepi ba ba rukhutlhegang, ba tsamaya go senya ba bangwe leina. Ba tshwana le kgotlho le tshipi fela. Botlhe bao ba ntse ba senya fela.

29 Mouba o ubela thata, gore llota e jewe ke molelo. Go ntse go gakolosediwa lefela; ba ba bosula ga ba ntshiwe.

30 Jaanong ba bidiwa selefera e e latlhilweng. Gonne Morena o ba latlhile.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan